Breaking News

Botswana o gatetse pele ka go ikenta

12 Jan 2022

 Batswana ba akgoletswe tirisanyommogo ya bone le puso jaaka ba tsweletse ka go ikentela mogare wa COVID-19.


Tona ya Botsogo le Boitekanelo, e bile e le mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti a re lefatshe la Botswana le fetile selekanyo se le neng le se ipeetse le sa lefatshe ka bophara sa go kentela setshaba COVID-19.


E rile a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Mmathethe le Metlobo ka Mosupologo, Dr Dikoloti a re dipalo di supa fa ditlhopha tse pedi tse go simolotsweng go kentwa ka tsone di tsere mokento oo ka maatlametlo ka jaana ba supa mo lesomeng ba kentilwe.


A re tirisanyommogo e e ntseng jaana e nonotsha maikaelelo a puso a go sireletsa matshelo a batho kgatlhanong le bolwetse .


Le fa go ntse jalo, Dr Dikoloti a re ga a jesiwe diwelang ke banana ba setlhopha sa boraro ba ba santseng ba le maoto a tshupa go tsaya mokento.


O boletse fa mo nakong ya gompieno go supa gore batho ba le bane mo go ba le lesome ba setlhopha seo ke bone ba tsereng mokento.


O ne a kopa batsadi go tshwaragana le puso go rotloetsa banana go tsaya mokento oo go fokotsa dintsho tse di bakwang ke COVID-19.


A re thulaganyo ya go kenta bana ba dingwaga tse di lesome le bobedi go ya kwa godimo gammogo le mokento wa tlaleletso mo go ba ba setseng ba kentilwe e tsweletse mme go tlaa simololwa mo bogaufing.
O boletse fa mekento ka go farologana e setse e gorogile mo lefatsheng leno go tsweledisa lenaneo leo.


Dr Dikoloti o ne a kopa Batswana gore ba seka ba etsaetsega ka jaana mekento yotlhe ya COVID-19 e e tsenang mo lefatsheng leno e tlhatlhojwa boleng pele ga e ka dirisiwa.


O ne a kopa setshaba gore se fetole dikakanyo se amogele mekento eo gore maiteko a puso a go babalela matshelo a atlege.


Mo go tse dingwe, Dr Dikoloti a re puso e na le maikaelelo a go fetola ditsamaiso le go isa ditlamelo kwa setshabeng ka go dirisa maranyane gore ditirelo di nne bofefo.


A re maphata a puso ka go farologana a tlaa ikamanya le maranyane ao e le tsela ya go fokotsa mosuke kwa diofising le go tokafatsa ka fa batho ba bonang ditirelo ka teng.


O ne gape a gwetlha balemi gore ba nne malala-a-laotswe gore ba kgone go akola lenaneo le lesha la puso la go emisa go rekwa ga merogo mengwe kwa mafatsheng a sele.


A re puso e tsere tshwetso eo go leka go godisa temo ya merogo mo gae le gone go rotloetsa balemi ba merogo le ba ditirelo tse di mabapi go tokafatsa ka fa ba dirang ka teng.


E rile a a fa pego, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Mmathethe, Mme Winnie Motlhala a akgola puso ka mekento ya COVID-19 e e tsweletseng ka go goroga ka dipalo tse di nametsang kwa motseng wa bone.


A re seo se thusa gore batho ba tswelele ka go ikenta ntle le go emela mokento o santse o seyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : METLOBO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jan 2022