Breaking News

Banni ba tshwanetse go itse ka mananeo

12 Jan 2022

Baeteledipele ba maphata kwa kgaolong-potlana ya Tutume ba kgothaditswe go rekisa mananeo a puso mo setshabeng mme ba dira jalo ka go bereka ba tshwaragane.


Fa a buisa baeteledipele ba maphata kwa Tutume ka Mosupologo, Mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang o ne a re badirelapuso ba tshwanetse go kgotsofatsa setshaba ka go ba direla ka botswapelo.


O gateletse botlhokwa jwa go isa ditirelo kwa bathong, a re seo se ka thusa gore batho ba tlhaloganye ditsamaiso tsa maphata botoka.


Dr Tshabang o ba gakolotse go thiba diphatlha tse di teng le go lomagana go gorosa ditlamelo kwa setshabeng ka nako.


A re go mosola gore ba nne ba tsena diphuthego tsa kgotla ka ke bone ba ka tlhalosang ditirelo tsa maphata botoka go na le mopalamente a bo a ba gwetlha go nna ba boela kwa setshabeng go isa dikarabo, go betla botsalano le tirisanyommogo le ba ba ba direlang.


Dr Tshabang o lekodisitse ditlhogo tsa maphata ka thulaganyo ya go siela kgaolo metsi go tswa kwa letamong la Ntimbale, a re metse mengwe e setse e enwa metsi go tswa kwa letamong leo.


A re bontlha bongwe jwa kgaolo bo saletse kwa morago mme metsi a tlaa goroga mo nakong e e gaufi.


Fa a lekodisa bokopano ka dikgang tsa botsogo, mogolwane wa DHMT kwa Tutume, Mme Dedzi Mfolwe o boletse fa dipalo tsa mogare wa corona di gola.


Mme Mfolwe a re dipalo tsa mogare wa Omicron kwa kgaolong-potlana ya Tutume di oketsegile thata ka malatsi a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha.


A re seemo se, se a tlhobaetsa ka ebile go nnile le dintsho tsa batho ba le babedi mme a kopa setshaba go itlhokomela go itsa kanamo ya mogare.


Mme Mfolwe o boletse fa ba le malala a laotswe go kenta bana ba dingwaga tse di lesome le bobedi go ya kwa godimo.


A re ba tlaa latela bana kwa dikoleng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jan 2022