Breaking News

Beng ba dikonteraka ba dia ditlhabololo

12 Jan 2022

 Go ngongoregela go ajwa ga ditiro kwa makgotleng a ditsheko ke boradikonteraka go dia ditlhabololo.


Se se builwe ke Mopalamente wa Chobe yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la Thuto e Kgolwane, Dipatlisiso, Boitseanape le Boranyane, Rre Machana Shamukuni jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Parakarungu bosheng.


Rre Shamukuni o boleletse banni gore lebaka la gore tsela ya Satau-Parakarungu e bo e ise e dirwe ka se sebaka ke dikgang tse di kwa kgotleng ya ditsheko tsa beng ba dikonteraka.


O tlhaloseditse banni gore tsela eo e ka bo e sa bolo go fela fa e ne e se madiadia a a bakilweng ke beng ba dikonteraka ka go ngongoregela go ajwa ga tiro ya tsela eo.


A re puso e dule ka ditselana dingwe tse di tlaa dirang gore e re e ntswa go na le madiadia a go sekwa ga dikgang tseo, tiro yone e be e tsweletse.


Rre Shamukuni o ne a bolelela banni gore Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tlhomile lekoko la tshekatsheko ya molao-motheo le le tlaa tsamayang le dikgaolo ka go farologana go phutha megopolo mo Batswaneng.


O kopile banni go ipaakanyetsa go tla go kopana le lekoko leo gore  ba le bolelele matshwenyego a bone mo motseng.


Rre Shamukuni o kopile banni go ikamanya le temo-thuo ka e ka ba isa golo gongwe.


A re puso e ntshitse maina a dijalo tse e leng gore ga di sa tlhole di letlelelwa go rekwa kwa ntle mme a kopa Batswana go di lema ba bo ba di tsenya mo marekisetsong.


Fa a itebaganya le kgang ya go fulwa ga batho ba Namibia, a re kgang eo e santse e tsweletse mme puso ya Botswana le ya Namibia di lekile ka bojotlhe go buisana.


A re dipuisanyo di ne di remeletse thata mo go tsiseng kagiso gareng ga mafatshe oo mabedi.


A re kgang e santse e le kwa kgotleng ya ditsheko mo Kasane.


O ne a tswelela ka go bolelela banni gore ntswa go na le dikgwetlho, ditirelo tse dingwe tsa ditlhabololo di kgonne go wediwa jaaka dikago tsa sepodisi mo Parakarungu gammogo le go baakanya dikago tsa sekole se sebotlana sa Parakarungu.


Rre Shamukuni o rotloeditse banana go itsosa gore ba itirele dikgwebo gammogo le dikompone.


A re banana ba Parakarungu ba saletse kwa morago mo go itlhameleng dikgwebo.


E rile fa a araba potso ya gore go tlaa agwa kokelo e tona leng mo Kasane, mopalamente a re o solofetse gore kokelo eo e simololwe mo nakong e e sa fediseng pelo.


E rile fa ba ntsha matshwenyego a bone, banni ba kopile go agelwa lebala la metshameko mo kgaolong ya Chobe ka ba dumela gore le ka tla la ba tsenyetsa madi .


Banni ba ngongoregile ka ditsamaiso tsa ditirelo kwa ofising ya banana mo Kasane fa ba ikopela madi a banana.


Ba kopile ba lephata la diphologolo go tla go baya ofisi e nngwe mo motseng gore ba kgone go thusiwa ka bonako fa ba batla dithuso mabapi le tshenyo ya diphologolo.


Ba ngongoregile gape ka lephata la kabo-ditsha mo Kasane ba re melawana ya bone e setse e tlodilwe ke dipeba, ka jalo ba leke go e baakanya.


Ba ngongoregile le ka lebaka le le tsewang ke ba kabo-ditsha go ba abela ditsha.


E rile fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Chobe e bile e le mokhanselara wa Chobe Enclave West, Rre Amos Mabuku, a re kago ya lebala la metshameko e ka ba thusa thata mo go ribololeng talente mo Chobe.


A re ba setse ba simolola kgaisano ya kgwele ya dinao e e bidiwang Chobe Charity Cup mo kgaolong.


A re ba biditse mokapoteni wa pele wa setlhopha sa setshaba, Rre Mompati Thuma, go tla go thusa go sekaseka talente ya Chobe.


E rile fa a wetsa a leboga Mopalamente Shamukuni go bo a tsile mo kgaolong ya gagwe pele ga a boela kwa palamenteng ka se se tlaa thusa gore a tsamae a itse gore batho ba gagwe ba batla eng mme a fete a ba buelele. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : KASANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Jan 2022