Leloko la Phuthadichaba le bolokilwe
11 Jan 2022
Mme Pelontle Tshimo wa Radisele, yo o neng a itsege ka leina la Nkukuabana o bolokilwe ka Matlhatso kwa motseng oo.
Mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, Kgosi Shathani Mmereki wa Radisele o kaile fa Mme Tshimo, yo a boletseng fa e ne e le mogaka, a tlhokafetse kgwedi eno e tlhola ga raro.
Kgosi Mmereki o boletse fa mme yoo a ne a sa ipone tsapa go tsena diphuthego tsa motse, e bile e le mogakolodi le moagisanyi mo motseng, a tlatsa ka go re motse wa Radisele o latlhegetswe fela thata.
Moemedi wa bana, Mme Georgina Tshimo ene o ne a tlhalosa fa mme mmaagwe, yo o tlhokafaletseng kwa kokelong ya Sekgoma Memorial kwa Serowe, morago ga go lwala ka bokhutshawane, a ne a dira sentle le batho ba Radisele, e bile a tsena mekgatlho, a tlhalosa fa e ne e le moeteledipele wa mokgatlho wa Bolekane Society.
A re mme mmaagwe gape e ne e le senatla se se neng se sa salele morago mo ditirong tsa motse.
Nkukuabana o kailwe gape fa e ne e le leloko la Botswana Democratic Party, moletsi wa marapo a pina tsa setso, le leloko la Phuthadichaba la dikakgelo tsa Seromamowa sa Botswana, godimo ga tse dingwe.
Fa a tswa la gagwe, moemedi wa mokgatlho wa Phuthadichaba Mme Salome Lesole o tlhalositse fa Mme Tshimo e ne e le moithaopi wa popota, a rata go akgela mo dithulaganyong tsa Seromamowa sa Botswana di akaretsa Masa-a-sele, Tokahatso Maduo, le Semphete, e bile e le moranodi wa Baebele, ga reng ga tse dingwe.
Mme Lesole o tlhalositse fa moswi a ne a ka seke a gakolole motho a sa tsenye lefoko la Modimo mo teng.
O ne a wetsa ka go gomotsa boora Tshimo ka go re ga ba a latlhegelwa ba le bosi.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Simane
Location : Palapye
Event : Potsolotso
Date : 11 Jan 2022