Pula e boutsana kwa Ngami
11 Jan 2022
Pula e e boutsana mo kgaolong ya Ngami e kgoreleditse kgolo ya dijalo mo masimo.
Mme Poloko Moyarobi ke mongwe wa balemi ba ba beileing tema ka Ngwanaatsele le ntswa a tlhalosa fa kgolo ya mmidi wa gagwe e tlhobaetsa ka ntata ya pula e e boutsana.
Mme Moyarobi yo o dingwaga tse masome a supa le bosupa a re o lemile mmidi fa pula e phaila ka tshimo ya gagwe e le fa letshitshing la noka ya Thamalakane, ka jalo e tshwara bongola.
O buile fa a ne a lema mmidi ka tsholofelo ya gore pula e tlaa na mo Maun le metse e e mabapi e akaretsa Matsaudi kwa masimo a gagwe a leng teng mme seo sa seka sa diragala.
Molemi yo o supile fa a ne a solofetse gore mmidi wa gagwe o bo o setse o ntshitse dikola mme mo nakong ya gompieno o santse o mo ema mo mangoleng.
O tlhalositse fa e rile morago ga temo letsatsi la tla le shenne meno ka Sedimonthole, ka jalo la phaphalatsha mmu, selo se se bakileng gore mmidi o tlhaele menontshane.
Mme Moyarobi o supile fa a tsweletse ka go tlhagolela dijalo, a tlatsa ka go re o solofetse fa pula e neleng ka mafelo a beke e tlaa tsosolosa dijalo tsa gagwe.
O buile fa temo e le gaofi le pelo ya gagwe thata ka a seke a tlodisa ngwaga ope a sa lema le ntswa go na le dikgwetlho tse dintsi tse di mo emeng pele.
O tsweletse ka go re o tshwengwa thata ke ditlou tse di bakang tshenyo mo masimo ngwaga le ngwaga.
A re di setse di ntshitse tshimo ya gagwe mafudiso a tsone.
A re ngwaga le ngwaga fa kgwedi ya Tlhakole e tsena ba nna ka letshogo la gore ditlou di tlaa tsena mo masimo di eja dijalo.
Le ntswa tshenyo ya ditlou e setse e le selo modiro, molemi yo a re ga a nyeme moko ka a beile mo Modimong gore ngwaga mongwe di tlaa fapoga masimo a gagwe.
Mme Moyarobi o supile fa ba lekile methale yotlhe ya go koba ditlou ka pherefere, go itaaganya ditanka le go gotsa molelo, a tlatsa ka go re diphologolo tse di emela gore ba phuthe ba ye malwapeng bosigo di be di dira moletlo mo masimo.
O ne a tlhalosa fa a solofetse go roba dijalo tse a ka kgonang go jesa ba lwapa la gagwe le go rekisa fa tsotlhe di ka tsamaya ka tshiamo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Matsaudi
Event : Temo
Date : 11 Jan 2022