Breaking News

Magodu a thubile diofisi tsa khansele ya Good Hope

09 Jan 2022

Mapodisi a Good Hope a tshwere babelaelwa ba le batlhano ba ba fitlhetsweng ka dithoto tse di tshwanang le tse di utsulweng kwa diofising tsa khansele le lephata la banana kgwedi eno e tlhola gane.
Ramapodisi a Good Hope, Rre Batshwari Gaobatlelwe o tlhalositse fa babelaelwa ba tswa go tshwarwa kwa Molepolole ka Laboraro morago ga gore mapodisi a koo a ba lome tsebe gore ba na le dithoto dingwe tse go belaesegang e le tsa bogodu.
A re babelaelwa bao, ba e leng banna botlhe, ba mo diatleng tsa sepodisi mme ba thusa ka dipatlisiso.
O bile a supa fa mo botlhanong joo go sena ope yo o nnang kwa Good Hope mme a le mongwe mo go bone e le monni wa Ramatlabama.
Ramapodisi a re ba amogetse pego ka baphepafatsi ba diofisi tseo ka Laboraro fa ba theogela mo mosong, mme ba lemoga fa diofisi di thubilwe.
A re didirisiwa tse go lemosegileng ka bonako gore ga di yo ke dikhomputara mme ba na le pelaelo ya gore go na le tse dingwe gape tse di iseng di lemotshege mo nakong eno.
Diofisi tseo, tse di itsegeng e le tsa khansele, di file maphata a puso a le mmalwa boroko.
Ramapodisi a re badisadikago ba koo ba supile fa ba na le bothata jwa go dikologa le dikago tseo bosigo ka jaana go na le fa go leng sekgwa teng mme e bile go le lefifi.
O gakolotse gore go hema ditiragalo tsa mohuta o, go okediwe dipone le gone go ntsha sekgwa seo gore badisadikago ba kgone go dira tiro ya bone ka phuthologo ba sa kgorelediwe ke sepe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Goodhope

Event : Borukhutlhi

Date : 09 Jan 2022