Tshekatsheko ya molao-motheo e botlhokwa
09 Jan 2022
Tshekatsheko ya molao-motheo e botlhokwa, ka jalo e tshwanetse go tsewa tsia ke Motswana mongwe le mongwe.
Se se builwe ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi mo diphuthegong tsa kgotla kwa Moroka le Mbalambi bosheng.
Rre Moabi o boleletse banni ba metse eo fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a tlhoma lekoko le le tlaa tsamayang le lefatshe go tsaya megopolo mo Batswaneng tebang le tshekatsheko ya molao-motheo.
O tlhalositse fa ditsetlana dingwe tsa molao-motheo di sale di tlhangwa ka dingwaga tsa bo 1965/1966.
Ka jalo o ne a kopa banni ba kgaolo ya gagwe go beela dipharologanyo tsa bone kwa thoko mme ba itebaganye le go tswa ka megopolo ba tle ba nne le seabe mo tshekatshekong eo.
Rre Moabi a re go botlhokwa gore banni ba kgaolo ba tshwaragane go baakanya ditsetlana dingwe tsa molao-motheo, a tlatsa ka go re go sekasekwa ga melao mengwe go ka thusa go rarabolola dikgang dingwe tse di ba tshwenyang mo kgaolong.
Fa a itebaganya le tsa ditlhabololo le dingongora dingwe tse di neng tsa ntshiwa ke banni ba metse eo, Rre Moabi o ne a ba itsese fa tlhaelo ya madi e le yone gantsi e emang pele go diragadiwa ga ditlhabololo.
O bile a supa fa go tlhagoga ga COVID-19 go ne ga gakatsa tlhaelo ya madi ka jaana mangwe a ne a dirisiwa go tlhabantsha bolwetse jo.
O ne a fa sekai ka tsela e e tsweletseng ka go dirwa ya Mulambakwena/Ramokgwebana, a supa fa e ka bo e ne ya dirwa sesha ka jaana e le kgologolo, mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi ya atolosiwa fela.
O ne a bolela fa metse ka go farologana e na le matlhoki, a re fa go ntse jalo go tshwanetse ga lebelelwa a a ka tsibogelwang pele.
Mapabi le ngongora nngwe ya banni ba metse eo, ya tiego ya go abela baikopedi ditsha, mopalamente o kaile fa seo le ene se sa mo jese diwelang, fela a tlhalosa fa a ikopantse le ba lekgotla la kabo ditsha la Tati.
A re lekgotla la kabo ditsha la Tati le tshephisitse fa le tsweletse ka dithulaganyo mme le tlaa aba ditsha kwa Moroka ka Sedimonthole fa kwa Mbalambi gone le tlaa aba ngwaga o o tlang ka Moranang.
Banni bangwe ba Mbalambi ba ne ba supa fa tiego eo e tlaa felela e baka gore ba ipee ditsha.
Le fa go ntse jalo, Rre Moabi o ne a kopa maphata go nna ba etela metse go lekodisa banni ka fa ba tsweletseng ka teng tebang le go ba thusa ka ditlamelo tsa maphata a bone, go na le gore ba nne ba emela diphuthego tsa mopalamente.
O ne a bo a tshephisa banni ba metse eo fa a tsere dilelo tsa bone mofago go di fetisetsa kwa go lebaneng teng.
O ne a wetsa ka go gwetlha banni ba Moroka le Mbalambi go tlhoafalela temo, a re ba sole molemo dipula tse di tsweletseng ka go na mo kgaolong ka go ka ba thusa go itirela dijo le go thusa lefatshe gore le seka la ikanya dijo go tswa kwa mafatsheng a sele.
Banni ba metse eo ba ne ba ikuela mo mopalamenteng ka dilo di le mmalwa tse di akaretsang tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, seemo se se maswe sa ditsela tse di mo metseng le tse di lomaganyang metse eo le e mengwe.
Ba kopile gore ditsela di nne di tshelwa mmu wa lekgarapana, go na le gore di tswelele di gopiwa fela ka seo se baka dikhuti mo go tsone.
Le fa go ntse jalo, ba ne ba leboga puso ka ditlhabololo dingwe tse di dirilweng le tse di tsweletseng ka go dirw. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Phuthego
Date : 09 Jan 2022