Breaking News

Batshwari ba phane ba rumaruma fela

09 Jan 2022

Dikgwetlho tsa botshelo, segolo jang letlhoko la madi, di ne tsa kgoreletsa bangwe go ya magaeng go keteka malatsi a botsalo jwa Morena le masika jaaka fa e le tlwaelo.


Rre Samuel Diphera wa Letoreng ke mongwe wa ba ba neng ba tsaya tshwetso ya go jela malatsi a boitapoloso mo sekgweng, go bapala phane kwa Serule mme o setse a na le beke a dule kwa gae.


A re e ne ya re go utlwalela fa phane e le ntsi kwa Serule, a thotha mesobana, maikaelelo e le gore e re ngwaga o simologa, a kgone go rekisa a ithekela tse a di tlhokang a bo a thuse ba lelwapa la gagwe.


Rre Diphera a re go bapala phane ga go motlhofo, bogolo jang mo pakeng e ya pula le mogote o montsi.


A re go nna mo sekgweng ka bo gone fela ke kgwetlho ka go le motlhofo gore motho o ka timela kana a longwa ke dinoga mme a re o ikaelela go boela gae fela fa phane e sena go fela kana e setse e ya kupu.


Mme Phodiso Goitsemang wa Serule le ene o inaakantseng le go bapala phane gore e re ngwaga o simologa a kgone re rekela bana paka ya sekole.


A re o ikaelela gape go oketsa ntlo e a nnang mo go yone.


Mme Goitsemang a re le fa phane e ne e le ntsi mo kgaolong, mathata babapadi ba bolaana ka motlele mme ga go motlhofo go bona dikgetsi tse dintsi jaaka a ne a solofetse.


A re phane e na le dipoelo fa e ne e se gore bareki ba batla go e reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.


A re ngogola e ne e le ntsi thata mme seo sa baka gore ditlhwatlhwa di ye kwa tlase mo go dirileng gore ba seka ba bona dipoelo tse di nametsang.


Le fa go ntse jalo, mothusa mookamela mapodisi a Serule, Assistant Superintendent Mbobo Serokolo o rotloeditse batshwari ba phane go e bapala ba le digongwana gore ba seka ba timela.


A re batshwari ba phane ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga masome mane le bongwe le masome matlhano, ba setse ba kile ba timela bosheng mme ka lesego ba bonwa.


Rre Serokolo a re go thata go bona motho fa a timetse mo nakong e ya dipula, e bile motho fa a timetse o ka newa ka dipula a le mo sekgweng.


A re ke molato go bapala phane ntle le teseletso mme a rotloetsa gore botlhe babapadi ba dire se se tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Serule

Event : Polelo

Date : 09 Jan 2022