Breaking News

MMELAELWA O THUSA MAPODISI MO DITLHOTLHOMISONG

30 Dec 2021

Monna wa dingwaga tse di masome mane le bosupa wa Maralaleng o tshegeditswe ke mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go fitlhelwa ka dinama tse go belaesegang e le tsa kgomo ya bogodu, letsatsi pele ga la botsalo jwa Morena.

Motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Monnathebe Mphela o tlhaloseditse BOPA fa mapodisi ba ne ba tlhobaediwa ke go bona batho ba feta ka mephuthelwana ya nama, ba supa fa ba e reka kwa lolwapeng longwe.

Assistant Superintendent Mphela a re mapodisi ba ne ba ragogela teng go tlhotlhomisa monna yoo mme a palelwa ke go ntsha bosupi jwa gore kgomo ke ya gagwe ka a ne a e tlhabetse kwa nageng, letlalo le tlhogo di seyo.

Rre Mphela o gakolotse setshaba go emisa go reka nama ntle le kwa marekisetsong a a maleba, ka e abo e sa tlhatlhojwa gore a di ka jewa ke batho.

O akgoletse banni ba kgaolo go bo ba ketekile letsatsi la botsalo jwa Morena ka kagiso, go sena sepe se se diragetseng se se duleng mo tseleng.

Mo go tse dingwe, Assistant Superintendent Mphela o boletse fa mapodisi a Tsabong ba ne ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka go abela bana bangwe boora Jacobs, ba kgotla ya Mothupi kwa Tsabong, dijo le diaparo morago ga go tlhokafalelwa ke mmaabo ka Phalane.

Mo go tse dingwe, mooki yo o belegisang kwa kokelong ya Tsabong, Mme Segametsi Mbakile a re ga go a nna le masea ape a a  belegweng ka  letsatsi la botsalo jwa Morena.

Kwa Werda, mookamela mapodisi, Superintendent Mompoloki Ramatsia o boleletse BOPA fa mapodisi a tshegeditse dikgomo tse pedi le dinamane tse tlhano morago ga go phuaganngwa ke banna bangwe mme ba inaya naga fa ba bona mapodisi mo tseleng ya Werda/Bray.

A re mapodisi ba ne ba folodisa maikaelelo a banna bao, ba go belaesegang ba ne ba le mo mosepeleng go ya go di rekisa kwa Afrika Borwa.

Superintendent Ramatsia o kopile setshaba go ya go bona dikgomo tseo kwa lesakeng la mapodisi kwa Werda. Ends 

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Police roundup

Date : 30 Dec 2021