Betsi ba rotloediwa go tlotla bomatsale
29 Dec 2021
Bomme ba ba nyetsweng ba rotloediwa go rata le go tlotla bomatsalaabone ka e le bone ba ka ba buelelang fa go na le mathata.
Thotloetso e, e ntshitswe ke mogakolodi wa mokgatlho wa Moiyabana Dingwetsi Group, Mme Matshidiso Mothanka kwa bokopanong jwa mokgatlho oo jo bo neng bo kopane le moletlo wa ngwaga o fela ka Tshipi.
Mme Mothanka a re fa ngwetsi e efa matsale lerato kana a mo tlhokomela go felela go nna le kagiso le thitibalo, ka jalo go seke go nne le dikgang tse mo nakong e nngwe di kgonang go tsisa kgotlhang.
A re ngwetsi fa a tlhokomela matsalaagwe o a bo a ipatlela mmueledi ka e tlaa re nako e a nnang le dikgang tsa tlhoka-kutlwisisanyo le monna wa gagwe a kgone go mmuelelela a sa tsee letlhakore.
A re go nna le kutlwano magareng ga bobedi joo go thusa gape gore matsale a eme ngwetsi nokeng. A re fa go ntse jalo, ngwetsi e kgona go tsaa matsalaagwe jaaka motsadi.
Mme Mothanka o boletse fa ngwetsi e tshwanetse go nna le mowa o montle, ka jalo mangwe a maikaelelo a Moiyabana Dingwetsi Group ke go aga betsi gore ba nne le mowa o o eletsegang.
Mme Mothanka o supile fa mokgatlho wa bone o tlaa thusa gore go nne le kutlwano magareng ga bobedi jo, a supa fa go nna ngwetsi e le maemo a matona a a eletsegang a a tshwanetseng go a tsewa ka tlhoafalo. O ne a rotloetsa betsi go tlotla nyalo ka ditsela tsotlhe.
Modulasetilo wa Moiyabana Dingwetsi Group, Mme Obopeng Keatshotse a re mokgatlho wa bone o simolotswe ka 2018 ke bomme ba le barataro. A re mo nakong eno mokgatlho o o na le bomme ba le masome mane.
Mme Keatshotse a re tsholofeloke go re maloko a oketsege ka e bile o buletswe ngwetsi nngwe le nngwe. A re mokgatlho o o tlaa thusa maloko mo dikgannyeng tsa kgokgontsho ya bong, go intsha mo lehumeng le go tlhabolola ngwao ya nyalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Moiyabana
Event : Bokopano
Date : 29 Dec 2021