Borre ba kgothadiwa go bega kgokgontsho
20 Dec 2021
Go na le kgonagalo ya gore dipalo tsa borre ba ba kgokgontshiwang di bo di le kwa godimo go fetisa tsa bomme ka gore ba swa senku.
Mme Mosetsanagape Mategwa yo e leng modiri mo ofising ya tsa bong kwa Kasane o buile jaana kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke mapodisi a
Pandamatenga le ba komiti ya twantsho borukutlhi ya motse oo ka Matlhatso.
Mme Mategwa o boletse fa kgokgontsho e ama mongwe le mongwe le borre tota.
A re borre ba na le mokgwa wa go tlhoka go bega dikgang tse di ba amang tsa kgokgontsho.
A re borre ba akanya gore go bega dikgang tsa go nna jalo go ka ba diga seriti.
‘’Borre ba tshabelelwa ke go kgokgontshiwa maikutlo, ba a sotlwa ba bolelelwa dipuo tse di sa nnang sentle ke bomme.
Go buisa rre ka mafoko a a sa siamang o a bo o mo kgokgontsha,” go bua Mme Mategwa.
Mme Mategwa a re di-tla morago tsa kgokgontsho ga di a siama ka di felela di baka dintsho le di kgobalo.
Mme Mategwa a re dipatlisiso tse di saleng di dirilwe ka 2018 di supa fa kgaolo ya Chobe e di goga kwa pele ka 59 per cent ya dipalo tsa kgokgontsho ya bong.
A re ka maswabi batho bangwe ba tsholola dikgang tsa kgokgontsho kwa sepodising, selo se a reng se holodisa maiteko a ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.
Ka jalo Mme Mategwa o kopile setshaba go nna seopo sengwe go lwantsha kgokgontsho ya bong.
O kopile segolo jang batsadi go tlhokomela metsamao ya bana.
E rile a tswa la gagwe, mookamedi wa sepodisi sa Pandamatenga, Supretendant Nelson Museke a tlhalosa fa bone e le mapodisi ba tlhamile lekalana le le emetseng dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
O kopile setshaba go emisa go tsholola dikgang tsa kgokgontsho.
O kopile batsadi ba ba latlhang bana go emisa go dira jalo ka gore go ya ka molao wa bana wa 2009 motsadi yo o dirang jalo a lebaganwe ke kotlhao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kabelo Segafi
Location : KASANE
Event : moletlo
Date : 20 Dec 2021