Breaking News

Koporase e agela motlhoki ntlo

19 Dec 2021

Mme Susana Jaggers wa Vaalhoek kwa Kgalagadi Borwa o tlaa tlhabelwa ke letsatsi la Keresemose le ngwaga o mosha sentle morago ga gore Botswana Housing Corporation (BHC) e mo agele ntlo ya dikamore tse pedi tsa borabalo.

Fa a bula ntlo semmuso,   moeteledipele wa tiro e go tswa BHC, Rre Ntshekisang Ofetotse o tlhalositse fa maitlamo a bone e le go tlhomamisa gore ba thusa fa ba kgonang teng ka go tsholetsa seriti sa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Rre Ntshekisang a re puso e file BHC maitlamo a go netefatsa gore Batswana ba nna le bonno jo bo siameng, a supa fa ngwaga ono, koporase e ipelela dingwaga tse di masome matlhano e ntse e le teng, selo se a supileng fa se ba fa sebaka sa go sekaseka motlhala wa ditirelo tse ba di diretseng setshaba.

O tlhalositse fa e ne ya re ka Mopitlo mono ngwaga, ba etela kgaolo go buisanya le khansele ya Kgalagadi ba tshwaragane le ba boipelego go tlhopha motlhoki mongwe yo ba ka mo thusang ka ntlo. A re komiti e ne ya dira ditshekatsheko mo batlhoking ba le bararo kwa Draaihoek, Tsabong le Vaalhoek mme Mme Jaggers ya nna ene a tlhophilweng.

Rre Ntshekisang o supile fa BHC e dirisitse P256 000 go aga ntlo ba bo ba agelela segotlo ba gokela metsi le motlakase le tse dingwe.

O ne a solofetsa fa ba tlaa tswelela ba tsholetsa seriti le mo Batswaneng ba bangwe. Rre Ntshekisang o lebogile boeteledipele jwa motse le kgaolo go bo ba ne ba tshwaragane le go dira ka natla gore tiro e atlege.

O ne a kgothatsa Batswana go inaakanya le mananeo a tshwana le SHHA, go itlhabolola.

Mopalamente wa kgaolo, Rre Sam Brooks o ne a phophotha BHC legetla ka thuso e ba e fileng Mme Jaggers, a supa fa gape ba agile mo lobakeng lo lo khutshwane, le go thusa khansele ka e tshwere phage ka mangana go agela batlhoki matlo.

O gakolotse beng ba dikonteraka, bogolo jang banana go tsaya malebela mo BHC ka jaana bangwe ba bone ba dia ditiro tsa puso ka ba sa tshware nako e e dumalanweng.

Rre Brooks o gwetlhile dikhamphani tse dingwe go itirela maina ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, bogolo jang ka bonno, a supa fa bonno jo bo sa siamang bo diga seriti.

Fa a amogela ntlo, Mme Jaggers wa dingwaga tse di masome marataro a ne a mo felela a le tlhaeng, fa e se go putsaputsa dikeledi tsa boitumelo le go iteela BHC legofi gore le ene o tlaa tshwana le batho.

Mokhanselara wa Rapplespan/ Vaalhoek, Rre Philipus Morewa o ne a kopa Mme Jaggers go tlhokomela ntlo gore e tle e ba solegele molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : VAALHOEK

Event : Pulo semmuso

Date : 19 Dec 2021