Dikgang tsa kgokgontsho di tshwanetse go emelwa ka dinao
19 Dec 2021
Dikgosi le boeteledipele jwa Robelela, Tshokwe, Damochojenaa le Mmadinare ba rotloeditswe go emela dikgang tsa kgokgontsho ka dinao, bogolo jang kgokgontsho ya bana.
Mme Nancy Mothibedi go tswa kwa ofising ya bong, o kopile jaana kwa thuto-puisanyong mabapi le kgokgontsho kwa Mmadinare.
Mme Mothibedi o supile fa dikgosi e le tsone tse gantsi di itseng ka dikgang tsa kgokgontsho pele, mme a ba rotloetsa go bereka mmogo le bommaboipelego le mapodisi ka e le bone ba tlhaloganyang dikgang tsa go nna jalo.
O tlhalositse fa dikgang tse dingwe tsa kgokgontsho di tshwana le tiriso bana ba bannye di sa tlhoke go rarabololwa kwa malwapeng kana kwa dikgotleng mme di tlhoka mapodisi gore badira melato ba atlholwe.
Mme Mothibedi o kgadile batsadi ba ba lobang dikgang tsa kgokgontsho ya bana, a tlhalosa fa se se sa siamela botsogo jwa bone ka ba felela ba ima ba santse ba le bannye.
O gakolotse baruti go tsepama mo boammaaruring fa ba nyadisa, a re nako tsa maloba tse dikgang dingwe di neng di lojwa, di fetile ka di baya ba bangwe ka fa mosing.
Mme Mothibedi o rotloeditse batsadi go tswa mo malwapeng a bana ba bone ba ba setseng ba nyetse kana ba nyetswe ka baka gore banyalani ba kgokgontshane.
Mookamela mapodisi a Selebi Phikwe, Superintendent Meshack Pulenyane o supile fa ba bone go le botlhokwa go tshwarela thuto-puisano kwa Mmadinare ka e le ene a di gogang kwa pele mo dikgannyeng tsa kgokgontsho.
Superintendent Pulenyane o tlhalositse fa tshwaragano ya mapodisi le magosi e le botlhokwa ka magosi e le one a tshelang le morafe e bile a itse matshelo a batho mo gae.
A re e le mapodisi, ba tshwentswe thata ke dikgang tsa kgokgontsho tse di golelang pele, a supa fa kwa ntle ga tshwaragano ya morafe le ba-na-le seabe, ba ka seke ba di kgone.
Superintendent Pulenyane o tlhalositse fa Mmadinare a le monnye mme dipalo tsa dipolaano di le kwa godimo.
A re e ne ya re ka 2019, ga gatisiwa dikgang tsa polao di le pedi fa ka 2020 di ne tsa nna tharo, 2021 di le tharo.
E ntse e le kwa Mmadinare, go simolola ka 2020 go fitlha ka 2021, bana ba le masome mabedi le bosupa ba dirisitswe botlhaswa, selo se Supt Pulenyane a reng se supa fa bana ba sa sireletsega kwa malwapeng.
A re go le gantsi dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana di dirwa ke masika mme bontsi jwa tsone di sa begelwe mapodisi.
O supile fa seemo sa tlhaelo ya mapodisi kwa motseng oo le sone e le sone se gakatsang botlhoka tsebe mme a kopa morafe, dikgosi le ba-na-le seabe go thusana go lwantsha seemo se go lebegang se dule mo taolong se.
Superintendent Pulenyane a re le ntswa go na le tlhaelo ya mapodisi, ofisi ya gagwe e tlaa dira ka bojotlhe go phatlalatsa mapodisi a e nang nao mo mafelong a a farologanyeng ka malatsi a boikhutso, go tlhomamisa gore setshaba se babalesegile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : Thuto-puisanyong
Date : 19 Dec 2021