Mmusi o bula ofisi ya mapodisi
19 Dec 2021
Puso e tlhoafaletse ditlhabololo tse di netefatsang tshireletsego ya setshaba le kobamelo molao ka jaana thitibalo e le nngwe ya dintlha tse di nang le seabe mo go ngokeng bagwebi ba ba tswang kwa ntle.
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi o buile jaana fa a bula ofisi-potlana ya sepodisi kwa Parakarungu semmuso bosheng.
Tona Mmusi a re kagiso le thokgamo ke konokono ya tebelopeleng ya 2036, mme e bile fa tsotlhe di le teng, bagwebi le bajanala ba ka phuthologa go tla go thusa go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno.
“Maikaelelo a puso ke go fokotsa sekgala se batho ba se tsamayang ba latela ditlamelo, ka seo se thusa mapodisi go tsibogela ka bonako, dikgang tse ba di begelwang,” Tona a tlhalosa.
O supile fa kgaolo ya Chobe e le nngwe ya tse di ngokang bajanala ka bontsi e bile e tsisa letseno mo itsholelong, ka jalo go le botlhokwa go somarela matlotlo ao a tlholego.
A re kago ya ofisi eo e tsile ka nako e e maleba go lwantsha borukutlhi, go akaeretsa le jwa diphologolo tsa naga, jo bo anameng mo kgaolong.
Tona Mmusi a re lefatshe leno le sa tswa go itemogela kgolo mo bogodung jwa go thukuthiwa ga dikoloi tse di rwalang madi, le kgokgontsho ya bong, mme a gakolola setshaba gore se botlhokwa mo go lwantsheng borukutlhi joo.
Mookamela mapodisi, Rre Keabetswe Makgophe a re kago eo ya P1.3 million, ga e a feta madi a e neng e a abetswa le ntswa e ne ya diega go wela ka ntlha ya COVID-19.
O ne a tlhalosa gore e simolotse ka Phukwi ngogola, mme e ne e solefetswe go fela ka Sedimonthole 2020, mme ga se ka ga nna jalo ka COVID-19 e ne ya emisa metsamao.
Rre Makgophe o ne leboga moagi yoo wa monana wa Chobe, go bo a ne a dira ka natla gore le fa tiro e diegile, e seka ya feta madi a e a beetsweng. A re baagi bangwe ga ba fetse ditiro ka nako, fa ba bangwe ba phuaganya go sa fela, mme seo se bakele puso go dirisa madi a mantsi.
Fa a itebaganya le kago eo, o ne a tlhalosa fa e sa akaretsa matlo a mapodisi, mme a rotloetsa beng gae go aga matlo a ba ka a hirisetsang puso.
A re borukutlhi jwa kgaolo eo bo santse bo le kwa tlase fa bo bapisiwa le jwa dikgaolo tse dingwe.
Ofisi ya Parakarungu e wela ka fa tlase ga ya Kachikau.
A re mo mono ngwaga go gatisitswe kgang ya thubetso e le nngwe, tsa tiriso ya bana botlhaswa mo go tsa tlhakanno dikobo di le tharo, fa tsa polao tsone di seyo mo dingwageng tse tharo tse di fitleng.
Fa a ntsha malebo, mopalamente wa kgaolo, Rre Machana Shamukuni o ne a lebogela lephata la Itshireletso, Molao le Thokgamo go bo le bone go re tshwanela go aga ofisi ya sepodisi ya Parakarungu, ntswa le na le tlhaelo ya madi.
Rre Shamukuni a re Chobe ke kgaolo ya ledula, mme e bile ga a eletse go utlwa go twe mongwe o kile a tshegediwa mo kgolegelong e e mo ofising eo.
O bile a akgola moagi yo o neng a aga kago eo go dira ka thata le ntswa go na le dikgwetlho, a re seo se tlaa mmulela dikgoro, mme a kopa baagi ba bangwe go tsaya malebela mo go ene. ENDS
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KASANE
Event : Pulo semmuso
Date : 19 Dec 2021