Breaking News

Khansele e ganne mogopolo wa go epa mabitla

16 Dec 2021

Bontsi ja makhanselara a kgaolo ya legare ba ganne tshutiso e e neng e kopa khansele ya legare go tsaya boikarabelo ja go epela batho mabitla.

Mokhanselara wa Tutume borwa Rre Moyonchena Nkhori o ne a baya tshutiso eo fa pele ga makhanselara mo phuthegong ya khansele ee tsweletseng.

Fa a rola mogopolo wa gagwe, mokhanselara Nkhori o boletse fa malatsi a no batho ba tlhasetswe ke malwetse a bakang dintsho tse dintsi ebile go sa tlhole go na le batho ba ba thusang go epa mabitla.

A re fa khansele e ka epela batho mabitla e ba duedisa e ka dira madi a a ka thusang mo ditlhabololong.

O boletse fa gompieno batho ba ba ikepelang mabitla ba sa epe sentle, a tlatsa ka gore o a romilwe ke batlhophi ba gagwe ka ba tshwenyegile thata ka go epa mabitla.

Mokhanselara Kenny Badumetse wa Sefhare o ne a ema mogopolo nokeng a bolela gore le mororo didirisiwa di tlhaela go tshwanetse ga thusiwa batho ka matshwenyego a bone.

O boletse fa malatsi ano go sena batho ba gotweng diphiri ba ba neng ba epa mabitla ka go ithaopa.

A re go epa mabitla go tshwanetse ga fiwa maemo a ntlha jaaka go dirwa ga ditsela le ditlhabololo tse dingwe.

Mokhanselara Motseothata Mafoko wa kgaolo ya Bobirwa le ene o eme mogopolo nokeng a bolela fa mafelo mangwe kwa mabitla a leng teng a le thata go epiwa.

Rre Mafoko o boletse fa dintsho di le dintsi di hekeetsa batho.

Le fa gontse jalo go ne go na le makhanselara mangwe a a ganneng tshutiso eo ba bolela fa e tlabo ele go bolaya mowa wa boipelego mo Batswaneng .

Ba re Batswana ba tshwanetse go dira tsamaiso ya bone ya go ikepela mabitla.

Mokhanselara Chiristjan Machokoto wa Tutume le Mokhanselara Thebe Setlalekgosi wa Mookane ba ganane le mogopolo ba bolela fa khansle e ne e sa baya madi a go epa mabitla ebile ba bolela fa khansle e sena didirisiwa tsa go epa.

Ba boletse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ele tsone tse di neng di ka fiwa boikarabelo ja go epa mabitla ka madi a tsone.

Ba boletse fa go ka dirwa ditsela tsedi yang mabitleng fela eseng go a epa.

Go farologana ga makhanselara go ne ga dira gore ntlo ya khansele e kgaoganngwe ka ditlhopho mme ba ba gananang le mogopolo ba fenya mme mogopolo wa segeelwa fa thoko.

Ene erile golepele mokwaledi wa khansele mme Baipelelang Potlokwe a gakolola fa khansele e sena madi a go epa mabitla ebile gape go sena ditsompelo tsa go epa ka ebile go tlhoka dikatakata tse di dirang ditsela le marogo.

Megopolo ee neng e lerilwe fa pele ga khansele e ne e le metlhano mme ga buiisiwa ele mebedi, o mongwe e le tshutiso ya mokhanselara wa Matsitama Rre Moipidi Molobeng a kopa lephata la dikgaolo le metse ya magae go fetola thulaganyo ya gore motse wa Matsitama o tseye ditirelo kwa kgaolong potlana ya Tutume mme o di tseye kwa Tonota.

Bontsi ja makhanselara bane ba amogela mogopolo morago ga thopho mme wa fetisiwa.

Ba o eme nokeng morago ga gore molaodi wa kgaolo Rre Rapetse Mathumo a gakolole gore fa dipatisiso di dirilwe mme ga bonwa fa Matsitama a le kgakala le Tutume. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 16 Dec 2021