Pelo potsane e a golegwa
16 Dec 2021
Mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding Mme Nnaniki Makwinja o gakolotse go re ope yo o ka fitlhelang a le mo seemong sa go palelwa ke go lwantsha maikutlo a gagwe a kope thuso kwa go ba bongaka kana ba boipelego go itsa go ka iphitlhela a kgokgontshitse ba a tshelang le bone.
Mme Makwinja o buile se ka Labotlhano kwa Tobane kwa go neng go tshwerwe letsatsi la go wetsa malatsi a le lesome le borataro a ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bo bomme le bana.
O gakolotse gore fa motho a hegetswe a leke ka bojotlhe go katoga ope yo o mo tsentseng mo seemong seo mme e re morago fa maikutlo a sena go kokobala a nne fa fatshe le yo amegang go rarabolola kgang ya bone.
A re kgokgontsho ya go kgobiwa ka dipuo e teng ebile e ntsi go feta mefuta e mengwe ya kgokgontsho mme ga go motlhofo e elwa tlhoko ntswa e tlogela motho ka mabadi a fetang a titeo.
A re kgokgontsho e gantsi e bonwa thata mo go bomme ba kgokgontsha borre le bana, mme a kopa bomme go ela tlhoko mafoko a ba buang ka gore a tlogela lebadi mo go ba malwapa a bone.
Mme Makwinja yo gape eleng Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane a re go tshelela mo kgokgontshong go na le ditlamorago mo baneng, a re ba felela le bone e tswa bakgokgontshi kana ba tsoga ba nna batsadi ba ba kgokgontshang.
Mme Makwinja a re batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba bone, ba etelela malwapa a bone ka lorato.
A re nako e tsile ya go itshekatsheka gore go senyegile fa kae le gone gore go ka baakanngwa jang go tila dikgang tsa kgokgontsho, a supa fa kgokgontsho e isa seriti sa lefatshe leno kwa tlase bogolo jang ka lefatshe leno ele lenngwe le a di gogang kwa pele mo molatong wa petelelo.
Fa a tswa la gagwe Mookamela mapodisi a Botshabelo Superintendent Debbie Mdabuli o rotloeditse banni go begela mapodisi dikgang tsa kgokgontsho.
A re motse wa Tobane fela jaaka metse e mengwe, o amilwe ke kgokgontsho mme dingwe tsa dikgang tse di begwa kwa mapodiseng fa tse dingwe di sa begwe, a tlatsa ka gore mapodisi ba gatisitse melato e tshwana le thubetso, tiriso bana botlhaswa, dititeo le dipolaano.
A re nako e ntsi dititeo di simolola di le potlana di bo di gola mme pheletsong go nne le dipolaano..
A re mo dikgannyeng tse, bontsi jwa batswa-setlhabelo ke bomme le bana mme borre e le badira-melato.
Superintendent Mdabuli a re ba sepodisi ba tshwenyegile thata ka gore ba paledisiwa tiro ke batsadi bangwe ba ba bipang dikgang tse bogolo jang boimana jwa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi.
Modulasetilo wa khansele ya Bobirwa Rre Christopher Motsholapheko a re gantsi itsholelo ya bomme e e kwa tlase e dira gore ba felele ba ikaegile ka borre mme go nne thata gore ba bege dikgang tsa kgokgontsho.
A re se se gwetlha puso go tiisa mo go tlhameng ditiro gore Batswana ba kgone go itshetsa bogolo jang bomme.
O rotloeditse morafe go ipopa ba dira dikomiti tse di itebagantseng le tsa kgokgontsho gore ba abelane maele a go lwantsha mmaba o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : TOBANE
Event : Phuthego
Date : 16 Dec 2021