Breaking News

Ba feta 70 ba imile ko Kgalagadi Borwa

15 Dec 2021

Mogolwane molephateng la botsogo mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa Mme Veronica Lesele o gakolotse batsadi go tlhokomela le go itse metsamao ya bana ba bone bogolo jang ba basetsana ka ba felela ba ima ba sa ntse ba le mo dikoleng.

O ntshitse kgakololo e mo tirong ya segopotso sa bolwetsi jwa HIV/AIDS kwa Omaweneno bosheng.

O ne a tlhalosa fa basetsanyana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi ba feta masome a supa ba imile mo dikoleng tse di kgolwane (Junior Secondary School) mo kgaolong eo go simologa ka Firikgong go fitlha mo nakong ya gompieno monongwaga.

Mme Lesele o ne a tlhalosa fa ba botsogo ba tshwengwa ke basimanayana ba ba inaakanayang le tiriso ya ditagi mo dikoleng a supa fa mo kgweding ya Phalane mono ngwaga seemo seo se senogile kwa sekoleng sa Tapologo kwa Werda ka bana ba le lesome le botlhano, mme ba ne ba tsibogela seemo ka go ba sidila maikutlo go ba thusa go tswa mo go sone.

O ne a supa fa batho ba le lekgolo le bongwe kwa motseng wa Omaweneno ba le mo dipilising tse di ritibatsang mogare wa HIV mme ebile di dira sentle mo mebeleng ya bone ka ba di tsaya ka fa go tshwanetseng.

O akgotse ba setlhopha sa ba ba tshelang ka mogare sa motse oo go bo se eme ka dinao ka nako tsotlhe go rotloetsa le go gakolola bangwe ka bone gore kwa phelelong ba nne le botsogo jo bo siameng ebile ba itekanetse.

O ne a supa fa go na le tlhaelo ya dikausu mo dikokelong ka jaana di seo kwa di dirwang teng, selo se a supileng fa se ka felela se gakatsa mogare ka go tlhoka go itshireletsa.

Mo go tsa COVID-19, o supile fa melemo e goroga kgapetsa-kgapetsa mme a gwetlha banni go ikemela ka dinao go tsaya mokento o o leng teng ka jaana mogare o mosha o setse o itshupile mo kgaolong ya Kgalagadi borwa.

O ne a ba gakolola go ipabalela ka nako tsotlhe. Molomaganya ditirelo tsa bolwetsi jwa HIV/AIDS mo kgaolong ya Kgalagadi borwa Mme Cathrine Molomo o boletse fa selekanyo sa mogare wa HIV/AIDS e sa ntse e le 11 per cent mme go santse go emetswe maduo a ditshekatsheko tsa BIAS V tse di dirilweng bosheng.

O tlhalositse fa batho ba le dikete tse tharo le makgolo a le mane ba le mo lenaneong la dipilisi tse di ritibatsang mogare (ARV) le Batswakwa ba le batlhano mo kgaolong eo.

O tlhalositse fa ba le masome a ferabongwe le bongwe ba ne ba tlhoka go iponatsa mme ba tshwanetse go ba sala morago kwa ba leng teng ba tshwaragane le ba BONEPWA go thusa gore a ba santse ba le mo lenaneong kwa ba leng teng.

Mme Molomo o boletse fa mo maitemogelong a bone, bolwetsi bo gakadiwa ke kgokgontsho ya bong, tiriso e e kwa tlase ya dikhondomo, palo potlana ya ba ba itlhatlhobileng, boimana jwa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga le malwetsi a tlhakanelo dikobo.

O boletse fa dingwe tse ba di fitlheletseng ebile e le maiteko mo kgaolong, e le kanamo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya leseeng ka 0 per cent go tswa ka ngwaga wa 2018 go fitlha mo nakong eno.

Mme Molomo o supile fa go sena ope yo o kgethololang yo mongwe ka mabaka a seemo sa HIV/AIDS ka jaana bontsi jwa ba ba tshelang ka one ba phuthulogile go bua ka seemo sa bone phatlalatsa mo setshabeng.

A re fa e sale segajaja sa COVID-19 se tlhasela mo lefatsheng leno dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobang kwa makalaneng a a ikemetseng ka nosi jaaka BOCAIP le Tebelopele a a thusanang le puso go lwantsha AIDS  di ile tlase ka lebaka la tlhaelo ya badiri ka jaana ba tshwanelwa ke go tswela kwa ntle go thusa setshaba.

Mongwe wa setlhopha sa support group, Mme Gotsaamang Seoko o ne a gakolola borre go emisa go itlhatlhoba ka bomme . Are borre ba maoto a tshupa go ya go itlhatlhobela mogare wa HIV/ AIDS selo se a reng ba felela ba sa thusiwe ka bongaka nako e sa le teng.

Mme Seoko o ne a kgothatsa ba ba tshelang ka mogare go ikamogela mme ba seka ba itlhabelwa ke ditlhong le gore ba seka ba goga motsoko le go nwa bojalwa ka di ka kgoreletsa diritibatsi tsa mogare wa HIV go bereka sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : OMAWENENO

Event : Segopotso

Date : 15 Dec 2021