Galeragwe o tlhophilwe Kgosi
15 Dec 2021
Rre Dira Galeragwe wa Letlhakane o tlhophilwe go tsena mo setilong sa bogosi jwa Letlhakane morago ga gore Kgosi Barontshi Kegapetswe a tlogele tiro ka bogodi.
Kgosi Galeragwe o ne a tlhophiwa ke batho ba 1 208, fa yo o neng a mo tlhatlhama, Rre Odirile Tawana a ne a tlhophiwa ke batho ba le794.
Ditlhopho tse, di ne di tshwaretswe mo Letlhakane ka Mosupologo mme maduo a tsone a tswa bosigogare. Di ne di tseneletswe ke baikopedi ba borobabobedi go tswa mo Letlhakane, mme a le mongwe mo go bone o ne a seka a amogela maduo.
Mongongoregi Mme Mammu Boile, o tlhalositse fa a sa amogele maduo a tlhalosa fa mofenyi e bong Rre Galeragwe yo o ntseng a bereka ele kgosana, a ne a na le sebaka se se ntsi sa go amogela dikgang tsotlhe tse di amanang le ditlhopho tseo tsa bogosi, go nale ba bangwe.
Mme Boile o tsweletse a tlhalosa fa ba ne ba sena kitso epe ya gore ditlhopho tsa bogosi di ya go tshwarwa leng.
Mme Boile o ne a tlhophilwe ke batho ba le 50, mme a supa fa a sa ngongorege ka mabaka a gore o tlhophilwe ka dipalo tse di kwa tlase, a tlhalosa fa a sa itumelela tsamaiso ya ditlhopho.
Fa a araba, mothusa Mokwaledi wa khansele ya Boteti Rre Christopher Maramba o ne a tlhalosa fa baikopedi ba ditlhopho tsa bogosi ba nale tshwanelo ya go ngongorega, mme a re ba ka dira jalo ka go kwalela kwa go mokwaledi mogolo wa makgotla a Setswana.
Motsamaisi wa ditlhopho Rre Diane Jacob one a supa fa maina a ga Rre Galeragwe a tlaa rurifadiwa pele ga a ka tlhongwa mo setilong.
Rre Boyce Tawana, yo o neng a tlhatlhama mofenyi, one a supa fa a amogela maduo, a tlhalosa fa, go le molemo go amogela phenyo ya motho yo mongwe.
Rre Banyatsi Salutu yo o neng a latlhegelwa ka ditlhopho tse 190, o ne a tlhalosa fa le ene a amogetse maduo mme a ithutile go le gontsi mo ditlhophong tseo, ka jalo o tlaa leka ka bojotlhe go ithulaganya botoka mo go tse di tlaa latelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego
Date : 15 Dec 2021