Breaking News

Dintsa di bolaile dinku setlhogo

14 Dec 2021

Morui wa masimo a Dithojane gaufi le Serowe Rre Maano Kabelo o setse mo kakabalong dintsa di le tharo di sena go tsena mo polaseng ya gagwe mme tsa bolaya dinku di le lesome le borataro mo motshegareng wa letsatsi la Tshipi

Mo potsolosong o boletse fa tiragalo e mo makaditse thata

O supile fa e ne ya re mo letsatsing leo fa a sena go bolotsa dinku tsa gagwe tse di hulang mo teng ga polase, a utlwa dintsa di bogola thata mme a tsaya gore di bogola di le kwa ntle ga polase mme a kgathologa fela.

A re o ne a gakgamala morago fa a tswela kwa ntle go lekola dikgomo tsa gagwe a fitlhela dinku di rapaletse fa fatshe di sule mme yare a ntse a sekaseka seemo a bona dintsa di le tharo di siela mo sekgweng sa polase ya gagwe. A re ka tebo ya matlho, dintsa tseo di ne di bolaya dinku tseo e le go ikgatlha ka tsone ka di ne di di gagolaka fela mme di eta di di ja go le gonnye.

Rre Kabelo o supile fa dintsa tseo go supagala di tswa kwa motseng ka di ne di siela ntlheng ya motse mme a sa itse gore a di na le beng ba tsone kana jang.

A re o tla a leka go bolaya dintsa tseo ka di le borai ka di iphitlha mo polaseng ya gagwe.

Rre Kabelo a re ga se tiragalo ya ntlha e mo diragalela ka mo ngwageng o o fetileng dintsa dingwe di le tlhano di ne tsa bolaya dinku tsa gagwe di le supa.

A re dintsa tseo di dirile tshenyo e ntsi fela thata ka a nnile le di tatlhegelo mme nama eo ya dinku go sena gore e ka rekisiwa kana a ya jewa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 14 Dec 2021