Ntebela ke go lebele e botlhokwa
14 Dec 2021
Go tsosolosa dikomiti tsa ntebele ke go lebele mo dikgotleng go botlhokwa ka go thusa go fokotsa bogodu, bogolo jang ka malatsi a boitapoloso.
Mookamela mapodise a Sejelo Superintendent Mogomotsi Matlapeng o boletse mo potsolotsong gore ba itemogetse fa dikgang tsa go thubiwa ga matlo le bogodu di ile magoletsa esale kgwedi eno e simologa.
A re dikgang tseo di godile thata kwa kgotleng ya Losabanyana le Mhiko, kwa go utswiwang dithoto di tshwana le dithelebishine, megala ya lotheka, ditsidifatsi le megala ya motlakase.
A re borukutlhi jwa mofuta o, bo diragala gantsi ka nako ya fa motlakase o kgaogile, ka jaana magodu a kgona go lemoga malwapa a a senang ope.
Ka jalo, Supt. Matlapeng a re ba tsweletse ka go tsibosa morafe ka ditiragalo tse le go rotloetsa gore ntle le dikomiti tsa ntebele ke go lebele, ba ka babalela dithoto tsa bone ka go batla batho go ba salela le matlo fa ba tsaya maeto. A re ere ntswa ba ise ba tshware ope mabapi le borukutlhi joo, ba tsweletse ka go tlhoma seemo leitlho go netefatsa gore dilalome tseo di tshwarwe.
O kopile banni ba Kanye go tlhotlhomisa dithoto tse ba di rekisediwang di sena motlhala, a supa fa go reka dithoto tsa bogodu le gone e le molato.
Mo go tse dingwe, Supt. Matlapeng o kopile Batswana go tlhwaafalela go ipabalela kgatlhanong le COVID-19, a supa fa jaanong seemo sa gompieno se tla ka mothale o mosha ebile dipalo di golela kwa godimo. A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tseye boikarabelo jwa go fokotsa kanamo ya bolwetse joo ka go rwala dipipa molomo ka nako tsotlhe le gone go katologana ka seelo se se beilweng.
A re Batswana ba tshwanetse go bo ba ithutile bosetlhogo jwa bolwetse jo ka nako e bo neng bo garimola batho, ka jalo ba sa tshwanelwa go salwa morago gore ba ipabalele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 14 Dec 2021