Breaking News

Dipatlisiso ka Omricon di tsweletse

14 Dec 2021

Mogakolodi wa tsa boranyane wa lekgotla la thibelo kanamo ya mogare wa Corona, le le tlhomilweng ke Tautona, Dr Mogomotsi Matshaba a re dipatlisiso ka mogare o mosha wa Omicron di tsweletse.

Dr Matshaba o buile jalo maabane jaaka a ne a fa pego tebang le seemo sa COVID 19, a re dipatlisiso ka mogare mono gae di tsweletse.

Dr Matshaba a re maikaelelo ke go ithuta le gone go tlhaloganya gore mogare oo, o ka ama kgotsa wa gatelela batho ga mmogo le bangwe balwetsi ka go farologana go le kae, o supile gape fa dipatlisiso tseo e le go netefatsa gore melemo ya thibelo mogare wa corona e e mo tirisong e dira jang go ka thibela mogare oo.

Dr Matshaba o rotloeditse mowa wa tshisibalo mo setshabeng a re ba lephata la botsogo le boitekanelo ba malala a laotswe ka didirisiwa tse di tlhokegang go ka itepatepanya le diphetogo tse di bakiwang ke mogare oo.

Go sale foo, Dr Matshaba a re fa e sale mogare wa Omicron o tlhagoga, ngwana a le mongwe wa dingwaga tse tlhano o ne a amega, le fa go ntse jalo, a re ngwana yoo o dule mo serubing e bile o siame.

A re lekalana la Botswana Medical Regulatory Authority (BOMRA) le mo lenaneong la go simolodisa go kenta bana ba ba dingwaga tse di ko tlase gore ba tswelele ba sireletsegile.

Dr Matshaba o gateletse botlhokwa jwa go tsweledisa melawana ya itshereletso, a supa fa dipalo tsa tlhagogo ya mogare o mosha (new cases) di goletse pele.

A re dipalo tseo di oketsegile go tswa mo go makgolo a mane go ya kwa go dikete tse pedi le metso e le masome a mabedi le borataro.

A re seo se supa fa mo letsatsing go gatisiwa dipalo di tshwara masome a matlhano, a ba  a supa fa dikgaolo tse di amegang ka dipalo tse di kwa godimo e le ya Kgalagadi ga mmogo le Gaborone le metsi e e mo tikologong.

O boletse gore le fa mafelo a mangwe a sa amega thata seo ga se rebole gore bolwetsi bo fedile kwa mafelong ao.

Mo go tse dingwe, Dr Matshaba o kopile batho go nna keletlhoko, a re fa go kgonega ba fokotse mesepele gape ba ikgaphe mo ditirong tse di ka rotloetsang kokoano ya batho ka dipalo tse di kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GABORONE

Event : pego le seemo sa COVID 19

Date : 14 Dec 2021