Makhanselara ba lela ka tiego ya dituelo tsa Ipelegeng
11 Dec 2021
Makhanselara a kgaolo ya legare ba ngongoregile ka dikatso tsa badiri ba Ipelegeng tse di diegang, bogolo jang mo metseng e e mo dikgaolong.
Makhanselera ba ntshitse ngongorego mo phuthegong ya khansele, morago ga gore mogokaganyi wa ditiro tsa Ipelegeng, Rre Moratiwa Aleseng a ntshe pego ya ditlhabololo tsa Ipelegeng.
Rre Aleseng o ne a ba bolelela ka ditiro tse di dirwang ke badiri ba Ipelegeng, madi a a dirisitsweng, ditiro tsa ditlhabololo tse di fedileng, tse di saletseng ko morago le matshwenyego a ba kopanang le one.
Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara ba supile fa Ipelegeng e kabo ele tiro ya sennela ruri mo bathong ba dikgaolo, ka e ka ba sologela molemo thata mo ditlhabololong le go thama mebereko.
Ba re badiri ba tshwanetse go amogela ka nako e e lebaneng, eseng go tsaa madi a bone morago ga nako, le mororo ese a mantsi.
Makhanselara gape ba ne ba tlhalosa fa badiri ba Ipelegeng ba sena didirisiwa tse di lekaneng, ntswa bontsi bo berekela mo mafelong a a borai.
Mokhanselara wa Mahalapye, Rre Tshupo Noge o boletse fa badiri ba Ipelegeng ba bona dikatso morago fa e sa le gotwe ba amogele ko diposong le ka tiriso ya ewallet.
O boletse fa badiri ba kgarakgatshega thata mo ba helelang ba tlelwa ke boithobogo, a tlatsa ka gore bangwe ba sa le ba kolotiwa ngwaga o o fetileng, mme le gompieno ba isi ba bone dikatso tsa bone.
Mokhanselara wa Newtown ko Serowe, Rre Oduetse Gaolese o boletse fa khiro ya Ipelegeng e laolwa ke ba komiti tsa ditlhabololo tsa metse, mme ba iphira le ba masika a bone.
A re ba komiti ya ditlhabololo tsa metse ba kgoreletsa gore ditlhabololo di tsamaye sentle, mo go dirang gore le dikamogelo di diege ka go sa tsamaisiwe sentle.
Mokhanselara wa Serokolwane, Rre Setlalekgosi Molefhi a boletse fa Ipelegeng e tsamaisiwa ka melawana, mme di VDC di tlola melawana, ebile ba sa batle kgakololo ya makhanselara.
O boletse fa bangwe ba amogela fela ba sa bereka, mme go dirwa ke bojammogo ga ma VDC mangwe a a nnang lebaka mo komiting.
Mokhanselara Lebitso Merementsi o boletse fa Ipelegeng e tshwanetse go kgaoganngwa le dikomiti tsa VDC ka gore ke tsone di tlhakatlhakanyang dilo.
O boletse fa ba boipelego e le bone ba tshwanetseng go sekaseka gore motho a ke yo o ka berekelang ruri.
Le fa gontse jalo, modulasetilo wa khansele, Rre Ketshwereng Galeragwe o gakolotse makhanselara go lesa mokgwa wa go gata dilo dingwe ba bona di sa tsamaye sentle, ba emela bokopano ja khansele.
Rre Galeragwe a re kgang ya gore badiri ba Ipelegeng ba bona meputso ya bone morago ga e a tshwanela, ka gore Ipelegeng ke tiro ya nakwana go namola Batswana mo manokonokong, mme dikatso ga di a tshwanela go diega. BOPA
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : phuthego ya khansele
Date : 11 Dec 2021