Breaking News

Maape Young Stars e akgoletswe bopelotlhomogi

11 Dec 2021

Maape Young Stars e akgoletswe bopelotlhomogi
Ka Kefilwe Selotlegeng
MAAPE, Sedimonthole 9 (BOPA): Mothusa Tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao Rre Buti Billy o akgotse setlhopha sa kgwele ya dinao sa Maape Young Stars go agela motlhoki ntlo ya kamore tse pedi le sephatlo ee lopileng P90 000.
Mothusa Tona Billy o buile jalo fa a rolela borra Otukile ntlo eo kwa Maape ka Labone, a supa fa setlhopha sa Young Stars se dirile ditso ebile se supa mowa wa bopelotlhomogi. 
Rre Billy a re tiro e e dirilweng ke setlhopha sa Young Stars e rotloetswa ke puso bogolo jang ka puso e ketefalelwa ke go thusa ba ba tlhokileng lesego, a re go botlhokwa go nna le bathusi ba ba tshwanang le Young Stars.
A re tiro e ba e dirileng e supa fa ba na le maikaelelo le maitlamo a go direla motse wa bone, a bo a ba rotloetsa gore ba ikgobokanye ba dire koporase.
A re metshameko e botlhokwa ka gore e aga banana gore ba nne le boitshwaro jo bo lolameng le go ba kgapha mo ditirong tse di duleng mo tseleng.
Rre Billy a re kgwele ya dinao e tlhama ditiro, e rotloetsa itshidilo mmele selo se a boletseng se rotloetswa ke ba botsogo.
E rile a itebaganya le yo o abetsweng ntlo, mothusa tona o ne a re se a se diretsweng se supa lerato la Modimo, mme a mo gwetlha gore a dirise ntlo e a e agetsweng ka lorato.
O mo rotloeditse gore le ene a tsenye letsogo a dire seabe sa gagwe mo ditirong tsa mofuta o, ga mmogo le go godisa lelwapa la gagwe.
Rre Billy o bile a mo rotloetsa gore a babalele ntlo e a re lefatshe ke boswa ja bana ba gagwe,a tlatsa ka gore ope a se mokgokgontshe mo go yone. A re setlhopha sa Young Stars, se file lelwapa leo seriti. 
A re mpho ya ntlo ga ena go thusa ene a lenosi a supa fa gape e godisa le go fetola selebego sa motse wa Maape. 
Modulasetilo wa setlhopha sa Young Star Rre Moikotlhai Mbo a re maikaelelo e ne e le go ba tsenyetsa pompo ya metse, mme ba lemoga fa seemo sa bonno jwa bone bo sa itumedise, ka jalo ba bona go tshwanela gore ba age ntlo.
Rre Mbo a re ba kgonne se ka thuso ya morafe ka kakaretso le dikompone ka go farologana, bangwe ba dira ka diatla.
A re ntswa setlhopha sa Young Stars se sena madi se kgonne go dira tiro e ka thotloetso ya morafe. 
Moanamisa mafoko wa setlhopha sa Township Rollers Rre Bafana Pheto a re setlhopha sa Young Stars dirile tiro e tona, a tlhalosa gore ga se gantsi batshameki ba dira tiro ya mofuta o. Rre Pheto a re o solofela gore batshameki ba bangwe ba tlaa tsaya malebela mo go bone.
A re nako e tsile ya gore batsadi ba rotloetse bana go tshameka kgwele ya dinao, a tlhalosa gore batsadi ba kgoreleditse bana go supa bokgoni jwa bone ka go ba kganela go tshameka kgwele ya dinao kana metshameko epe fela.
Rre Pheto a re gompieno kgwele ya dinao ke tiro fela ee duelang, a tlhalosa gore fa go kabo go sale go lemogilwe botlhokwa jwa yone lefatshe leno le ka bo le tsamaya kgakala mo mererong ya kgwele ya dinao.
O gwetlhile bagolwane ba Young Stars go bereka le batsadi le barutabana go rotloetsa kgwele ya dinao gotswa ko moding.
Fa a lebogela mpho e a e abetsweng Mme Kebatshabile Otukile, yo o nang le bana ba le bararo o ne a leboga setlhopha sa Young Stars le botlhe ba ba nnileng le seabe mo tirong e.
Mme Otukile o ba kgothaditse gore ba tswelele ba thusa ba bangwe ba ba tlhokileng lesego. 
O kopile ba Young Stars le morafe ka kakaretso gore fa go na le ditiro tsa mofuta o ba mmitse a tle a thuse ka diatla. PHELELO
BOPA
 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MAAPE

Event : Kabo mpho

Date : 11 Dec 2021