Diopedi tsa tlhwatlhwa di tlaa tsena maitiso a Domboshaba
09 Dec 2021
Moopedi wa kwa Aferika Borwa, Ndivhudzannyi Ralivhona, yo o tlwaelesegileng ka go bidiwa Makhadzi, o tlaa natifisa kwa maitisong a Domboshaba.
Maitiso ao, a tlaa tshwarwa kgwedi eno e le malatsi a le masome a mabedi le boraro.
Morulaganyi wa maitiso a a bidiwang Kumba Ku Domboshaba Na Makhadzi, Rre Kangangwani Magocha, o tlhalositse mo potsolotsong gore maitiso a, a tlaabo a na le baopedi ba ba tumileng thata mo Botswana jaaka Franco, Ndingo Jowa le Clement Magwaza.
O kaile fa maitiso a a tla simolola ka nako ya lesome mo mosong mme Makhadzi o tlaa simolola go natifisa maitiso ka nako ya bobedi makuku a naka tsa kgomo.
Rre Magocha, yo itsegeng ka leina la Dr Vom, o tlhalositse fa baopedi ba bangwe ba tlaa tlhagolela Makhadzi tsela pele a tsena mo seraleng.
O tlhalositse fa ba le malala a laotswe mo go tsa itshireletso.
Mabapi le COVID-19, o kaile fa ba eme sentle mme batho ba le makgolo a matlhano ba ba tlang pele batla neelwa sebolaa megare.
Rre Magocha o kaile fa dithiba molomo le tsone ba tlaabo ba di neela batho e le gone go lwantsha bolwetse.
O kopile setshaba go itshwara sentle gore maitiso a fele go sena makgwere ape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 09 Dec 2021