Baithuti ba kgothaditswe go tlhagafalela dithuto
09 Dec 2021
Baithuti ba sekole se sepotlana sa Lefoko kwa kgaolong ya Borwa ba rotloeditswe go dira ka natla mo dithutong tsa bone.
Go tokafala ga maduo ga se boikarabelo jwa baithuti le barutabana fela, mme le batsadi ba tshwanetse go nna le seabe.
Se se builwe ke mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape, kwa moletlong wa kabo ya paka ya sekole go tswa kwa khamphaneng ya World Group of Companies.
Khamphane e, e ne ya apesa bana ba le makgolo a le mabedi paka ya sekole.
Dr Kwape a re o ne a kopa World Group of Companies go thusa sekole se kantlha ya go bo a ne a tshwenngwa ke maduo a a neng a sa nametse a sekole seo.
“Ka paka e ya sekole ke batla go bona gore a le tlaa kgona go ntsha maduo a a nametsang,” a supa.
A re teko ke gore maduo e nne a a nametsegang le botho jo bo eletsegang, a re tsholofelo ke gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo.
“Go botlhokwa gore botho jwa lona e nne jo bo eletsegang, ka fa le ka dira jalo le ka nna le boikarabelo, ebile le le batho baba tlhwatlhwa mo setshabeng.”
Le fa go ntse jalo, o ile a kopa barutabana gore ntswa ba na le dikgwetlho mo tirong ya bone ba gakologelwe gore tuelo ya bone e tona ke gore ere ba tlogetse ditiro ba kgone go bona pharologanyo e ba e dirileng, ya go aga setshaba se se nang le botho le boikarebelo.
O ile a leboga go menagane, ba kompone ya World Group Of Companies gore ba tsweletse ba dira tiro e ntle ya go thusa bana ba dikole, a supa fa bosheng, kompone eo, e satswa go apesa bana ba feta makgolo a le matlhano kwa motseng wa letlhakane.
“Ga gona gope ko ba iseng ba tsenye letsogo teng mo tokafatsong ya thuto,”a bua.
O akgotse kompone e, a re ba tshwanelwa ke ditebogo gore ba kgona go thusa setshaba le ntswa ba amilwe ke segajaja sa COVID-19, a supa fa se ele jone boikarabelo, go gakologelwa ba ba ba rotloetsang gore dikgwebo tsa bone di tswelele.
“Ke batla go rotloetsa ba bangwe ba ba mo dikgwebong tse di tsweletseng pele gore ba nne le seabe go thusa setshaba,” a supa
Fa a tshwaela ka dilelo tsa mo motseng, o supile fa a ntshitse matswenyego bosheng kwa Palamenteng, ka tsela ya Jwaneng- Maokane.
A re keletso ke gore ditsela tse di bewe mo seemong sa gore di tsamaege, ka di senya dikoloi.
Dr Kwape o ne a re tsholofelo ke gore e re go santse go emetswe thulaganyo ya go nna jaana baagi ba name ba thusitswe ka go gopa tsela gore e nne mo seemong se se botoka.
“Re mo malatsing a a lesome le borataro a kgokgontsho ya bong, ke kopa gore ba bue le bana, ba agisanye, ka ntwa kgolo e le ya molomo,”a supa
A re kgang ya kgokgontsho e diragala mo malwapeng a bone, jalo go mo maruding a bone gore ba dire pharologanyo ka go nna kgatlhanong le yone.
Fa a ntsha tekodiso ya sekolo, Mme Tiny Motswagae a re sekole se butswe semmuso ka 2005, se ne se simolotse se felela ka mophato wa bone.
A re ba simolotse go tsaya bana ba mophato wa bosupa ka 2006, a supa fa bantlha go kwala ele ba 2007.
A re sekole se ntse se iteka, mme ka ntlha ya mmaba wa COVID-19 maduo a wetse kwa tlase, a supa fa ba tlaa tswelela ka go iteka.
Mme Motswagae o lebogile ba World Group Of Companies gore e be ba ba dirile motlotlo ka go apesa bana botlhe paka ya sekole, a itlama gore ba tlaa dira ka thata go tokafatsa maduo a dithuto.
Fa a amogela morafe, Kgosi Bikie Nthomang o lebogile tona gore a bo a tsile ka mpho e ntle, a supa fa bana ba le bantle thata.
“Bagaetsho bana ba rona ba kgabile ba bantle, mme ke tshwenyegile gore batsadi ba itlhokomositse bana, ke kopa gore paka tse di tlhokomelwe, go seka gatwe ke mophako,”a supa.
Kgosi Nthomang a re tiro ya letsatsi leo e thusitse bana, ka ba botlhe ba ipona e le batho, ka jalo a leboga kompone ya World Group of Companies, a tlatsa ka gore e tlaa segofala go ya pele
“Selelo se setona ke tsela ya Jwaneng-Maokane. Seemo sa tsela e ga se re jese diwelang ka banni ba senyegelwa ke dikoloi.
A re ga ba ise ba latlhegelwe ke ope ka ntlha ya COVID-19, a supa fa phenyo e fa ba e fentse ka go itshereletsa le go rwala dipipamolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : LEFOKO
Event : kabo ya paka ya sekole
Date : 09 Dec 2021