Go sa bega dikgang tsa kgokgontsho go a tshwenya
09 Dec 2021
Go tlhoka go bega dikgang tsa kgokgontsho go tshwenya mapodisi.
Go ya ka mothusa mogolwane wa sepodisi kwa kgaolong ya Maun, Superintendent Molefhe Molefhe, dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse di begilweng go tswa ka 2019 go fitlha ngwaga ono di makgolo a matlhano le borataro.
Superintendent Molefhe, yo o neng a bua kwa Phuduhudu ka Laboraro kwa segopotsong sa malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, a re dipatlisiso di supa fa bomme le bana ba basetsana e le bone ba amiwang thata ke kgokgontsho.
A re dikgang tse di begilweng tsa thubetso di ne di le lekgolo le masome a mabedi le bone ka ngwaga wa 2019, masome a supa le boferabongwe ka ngwaga wa 2020 le masome a mabedi le bone mono ngwaga go fitlha fa ngwaga o tsamayang teng.
Supt Molefhe a re dikgang tsa go tlhakanela dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi tsone di ne di ferabongwe ka ngwaga wa 2019, masome a mane le bone ka ngwaga wa 2020 le lesome le boferabobedi ngwaga ono.
O supile fa dipalo tsa polao tsone di ne di le lesome le boraro ka ngwaga wa 2019, lesome le botlhano ka ngwaga wa 2020 le e le nngwe fa 2021 a leng teng.
A re go supa fa go begwa ga dikgangi kwa metseng e mennye go le kwa tlase, a re kwa Phuduhudu go begilwe kgang e le nngwe ya kiteo ka 2019, e le nngwe ya tlhakanelo dikobo le ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ka 2020, tse pedi tsa tlhakanelo dikobo le bana ba di ngwaga tse di kwa tlase mo ngwageng ono le e le nngwe ya thubetso o.
O gwethile banni go bega melato ya kgokgontsho ya bong gore molao o tseye dikgato.
Kgosi Johane Ngwengare wa Phuduhudu o supile fa kgokgontsho e diragala mo motseng oo bogolo jang ya batsadi ba ba tlogelang bana ba le nosi le ya borre ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba bannye.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya mothusa mokwaledi wa Ofisi ya Maun Administration Authority, Mme Lorato Oremeng o tlhalositse fa kgokgontsho e tseela ba ba kgokgontshiwang ditshwanelo tsa setho, ebile e kgona go feletsa e bakela ba ba kgokgontshiwang malwetsi a thaloganyo.
A re go botlhokwa gore setshaba se nne le kitso ka kgokgontsho gore ba kgone go e lemoga mo bangweng ka bone gore ba ba tswe thuso mme dipalo tsa kgokgontsho di wele tlase le dikgang tse di lojwang di tswele mo pontsheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : PHUDUHUDU
Event : Segopotso
Date : 09 Dec 2021