Boitshwaro jwa badirisi ba tsela bo oketsa dikotsi tsa dikoloi
09 Dec 2021
Go tshwara segopotso sa letsatsi la mafatshe fatshe la go gakologwelwa ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela go lemotsha setshaba ka borai le tse di ka dirwang go hema dikotsi.
Go lemotshegile fa dikotsi tsa tsela bakiwa ke boitshwaro jwa bangwe le badirisi ba tsela ba ba sa obameleng matshwao a tsela.
Mogolwane wa Botswana Railways, Rre Baboloki Phuthego, o buile jalo kwa moletlong wa letsatsi la ipabalelo tseleng kwa Palapye ka Labobedi.
A re ba tlhophile go direla tirelo eo fa makgabaganong a diterena ka ba lemogile fa batho ba sa a dirise sentle mo go felelang go baka dikotsi.
Mogolwane wa Lephata la Dipagamo le Ipabalelo tseleng wa kgaolo ya legare, Mme Ability Kereemang, a re letsatsi le le fa setshaba sebaka sa go tsaya karolo mo go gopoleng batho ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela.
A re ba lemogile gore bontsi jwa dikotsi tsa tsela di bakiwa ke lebelo lele feteletseng.
A re ka letsatsi le ba ruta setshaba gore dikotsi tsa tsela di borai gole kae le gore ditlamorago tsa tsone di ama matshelo a batho jang.
A re gape ba fa batho ba ba amegileng sebaka sa go kgothatsana le go lemotsha setshaba ka tshenyo ee bakiwang ke dikotsi tsa tsela.
Mongwe wa ba ba kileng ba amiwang ke kotsi ya tsela, Rre Tumelo Ofaletse, a re kotsi ya tsela e ne ya phirimisa ditoro tsa botshelo jwa gagwe.
Rre Ofaletse o bonye kotsi ka ngwaga wa 2008 ba tswa Palapye go ya metshamekong ya kgwele ya dinao kwa Serowe.
Koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e ne ya thula kgomo go bapa le moepo wa Morupule, mme ene a isiwa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa a neng a robadiwa dikgwedi tse tharo.
Ba bongaka ba ne tlhalosa gore o gobetse monyetsane ka jalo ga akake a tlhola a kgona go tsamaya gape, dikgang tse di neng tsa mo thuba pelo.
A re o ne isiwa Marina kwa a ntseng kgwedi tse thataro go le thata go amogela seemo ka ebile a sena batsadi.
MVA e ne ya mo romela kwa Africa Borwa lebaka la ngwaga go ya go sidilwa maikutlo, kwa a duleng teng a ikamogetse ka go bona ba bangwe ba ba tshwanang le ene ba amogetse seemo.
Rre Ofaletse re kotsi e diragetse fela ele gone a neng a hirwa ke ba sesole sa Botswana mme tiro ya pala ka ntlha ya dikgobalo.
A re MVA e ne ya mo duelela bongaka mme gape ya mo thusa ka madi a itshetso a tlatsa ka gore o ne a kgona go ikagela ntlo.
Rre Ofaletse o ne a tlhagisa setshaba a re lebelo le a bolaya, gape motho o ka felela e le mo-na-le bogole botshelo jwa gago bo senyegile.
A re letsapa le lone ke mmaba mo koloing a kopa setshaba go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe.
O ne gape a rotloetsa bakgweetsi go ela tlhoko gore dikoloi tsa bone di itekanetse fa ba tsaya mesepele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : moletlo wa letsatsi la ipabalelo tseleng
Date : 09 Dec 2021