Go dira ka thata go tsala maduo aa botoka
09 Dec 2021
Go tswa ka maduo a a siameng mo thutong go supa ka fa motho a neng a ipaakanyeditse ditlhatlhobo tsa gagwe ka teng.
Seo se builwe ke mothusa mokwaledi wa khansele ya Chobe, Rre Atamelang Bopadile, fa a kgothatsa baithuti ba sekole se se potlana sa Lesoma ka Laboraro.
Sekole seo se ne se ipelela katlego ya go gaisa tse dingwe mo maduong a Primary School Leaving Examinations (PSLE) ngwaga o o fetileng kwa Chobe.
Sekole sa Lesoma se gaisitse le ka matshwao a AB le a ABC.
Rre Bopadile a re gore motho a atlege, o tshwanetse a bo a itse maduo a a batlang go a fitlhelela, ka jalo a kopa baithuti gore pele ga ba tsena mo ditlhatlhobong, ba tshwanetse ba bo ba itse gore ba batla maduo afe, mme go dira jalo go tla a ba thusa go ipaakanya botoka.
O ne a tswelela ka go tlhalosetsa baithuti gore ba tshwanetse ba itse gore se se botlhokwa ke eng gore ba se beye kwa pele.
“Bo-ngwanaka, fa o batla katlego mo botshelong, baya selo sengwe sa botlhokwa kwa pele, o bo o baya tse o sa di tlhokeng thata kwa morago. Bayang thuto ya lona kwa pele, mme le tla bona maduo a a nametsang,” ga bua Rre Bopadile.
O kopile batsadi go tsaya maikarabelo mo thutong ya bana ba bone.
A re ba tshwanetse go emisa go sa tsaya karolo mo thutong ya bana ba re bone ga se barutabana.
O ne a tswelela ka go lebogela barutabana le bana ba sekole sa Lesoma go tsaya thuto ka tlhwaafalo gore ba bo ba bone maduo ao.
Rre Bopadile a re popagano ya badiredi ba sekole sa Lesoma le morafe, ke yone e dirileng gore sekole sa bone se tseye maemo a ntlha.
E rile a tswa la gagwe, mookamedi wa tsa thuto kwa Chobe, Rre Elijah Motlhabi a re moono wa go fa dikole tse di gaisitseng dietsele, ke go kgothatsa tse di sa direng sentle gore e re nako nngwe le tsone di tokafetse maduo.
Rre Motlhabi a re Lephata la Thuto go tswa kwa Moding le butse dikgoro go thusiwa ka di dietsele tsa dikole ka gore le ka se kgone lele nosi.
Mme ebile seo se dira gore ba palelwe ke go atswa dikolo ka dijana tse dintsi, jaaka ngwaga ono ba paletswe ke go dira mpho ya Excellence award.
Rre Motlhabi o kopile setshaba go ba thusa jaaka ba dirile maano a mararo a akaretsang Adopt a school, Alumni gammogo le Mentors. A re se ke go leka gore batle ba bone thuso mo setshabeng.
E rile fa a lebogela phenyo ya sekolo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Thabo Phokoje, a re o lebogetse ba ba eteletseng pele thuto mo Chobe go ba tlisetsa barutabana ba ba tsereng thuto ka tlhwaafalo kwa Lesoma.
A re o itumeletse se se dirilweng ke barutabana le morafe go bo ba tlisetse dijana.
Sekolo sa Lesoma, se fentse dijana tse tharo tse di mo kgaolong, tse di akaretseng go nna sekolo se se gaisitseng tsotlhe mo kgaolong, sekolo se se gaisitseng ka matshwao a AB gammogo le go gaisa ka maduo a ABC. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kabelo Segafi
Location : KASANE
Event : Kgothatso baithuti
Date : 09 Dec 2021