Breaking News

Tshwaragano le mapodisi konokono

09 Dec 2021

Lepodisi la pele mo lekalaneng la bogodu jwa leruo, Rre Oreeditse Mautle, o kgothaditse barui go ikemela ka dinao.

Rre Mautle a re go botlhokwa go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi go itepatepanya le bogodu jwa leruo kwa Kgalagadi.

Fa a ntsha mafoko a kgothatso kwa Maralaleng bosheng, Rre Mautle o ne a tlhalosa fa maikaelelo a sepodisi e le go sireletsa setshaba le dithoto gammogo l;e go tlhomamisa gore kagiso le thokgamo di a rena mo lefatsheng.

O ne a supa gore fa dikomiti tsa twantsho borukutlhi di tshwaraganye le mapodisi, go ka nna bonolo  go tshwara magodu.

A re metse e e gaufi le melelwane e tshabelelwa thata ke borukutlhi bogolo jang jwa go utswiwa ga leruo le bo le rekisiwa kwa mafatsheng a a mabapi.

Mabapi le dikgang tsa kgokgontsho ya bong, o ne a supa fa mo kgaolwaneng ya Tsabong di begwa tsatsi le letsatsi.

Rre Mautle o supile fa go sa hakgamatse gore go iphitisa bojalwa le ditagi go na le seabe se sentsi mo go gakatseng kgokgontsho ya bong.

Dingwe tse di tshwenyang ke go itlhokomolosa bana le go berekisiwa ditiro tsa bokgoba ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

A re se, se ne sa gwetlha ba sepodisi go simolodisa lekalana le le itebagantseng le kgokgontsho, mme a kgothatsa bomme le borre go tsaya boikarabelo.

Mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go simolodisa dikomiti tsa twantsho borukutlhi, go rotloetsa setshaba go ikuela le go bega borukutlhi.

Supt Tlhapi-David a re melato ee gatisitsweng ke sepodisi mo kgaolong ya gagwe e akaretsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi, petelelo le bogodu jwa leruo.

A re ka ngwaga wa 2019, mapodisi a begetswe dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi di le lesome.
Ka ngwaga wa 2020 di ne di le masome a mararo, fa ka 2021 di setse di le lesome le boherabobedi.

O tlhalositse fa tsa petelelo ka ngwaga wa 2019 di ne di le lesome le bone, fa ka 2020 di ne di le lesome le bongwe mme 2021 di le lesome le boraro go fitlha mo nakong ya gompieno.

Mo bogodung jwa leruo, o boletse fa ba gatisitse dikgang di le masome a mane le boferabongwe go simologa ka 2019 go fitlha monongwaga.

Supt Tlhapi-David o ne a supa fa ba tshwenngwa gape ke dikgang tsa tsietso, tse batho ba felelang ba amogwa madi a bone ke manweenwee. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MARALALENG

Event : Phuthego

Date : 09 Dec 2021