Breaking News

Pule o rera tokafatso maduo

09 Dec 2021

Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o reketse dikole tse dipotlana tsa kgaolo ya gagwe sejana se se tlaa phadisanelwang, e le ntlha nngwe ya go rotloetsa tokafatso maduo mo dikoleng.

Fa a rola sejana seo kwa diofising tsa thuto tsa kgaolo ya Kgatleng mo Mochudi ka Labobedi, Rre Pule o ne a gatelela botlhokwa jwa thuto, a  kaya fa  e tshwanetse go tshwaraganelwa ke ba-na-le seabe botlhe.

A re go tsenya letsogo mo thutong ke go aga bokamoso ka jaana itsholelo ya lefatshe lengwe le lengwe e agwa ka bodiredi jo bo iteilweng seatla.

“Go beeletsa mo thutong ke go aga bokamoso ka jaana lefatshe le tlhoka barutegi ba ba tlaa tsogang ba goga lefatshe,’’ a tlhalosa.

Rre Pule o boletse fa a itse mathata a barutabana ba nang le one kwa dikoleng a akaretsa go tlhoka ditirelo tsa thuto di tshwana le matshine e e  ntsifatsang dipampiri, dibuka le tse dingwe.

Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa barutabana go tswelela ba dira tiro ya bone ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho.

Mo go tse dingwe, mopalamente o boletse fa lenaneo la puso la go jesa bana kwa dikoleng e le maiteko a magolo a go netefatsa gore bana ba nna le ditlhaloganyo tse di sa tlhaeleng ntateng ya tlala.

O ne a rotloetsa barutabana gape go netefatsa gore bana ba ja sentle gore ba tle ba dire botoka.

Sekole se sebotlana sa Sikwane se ne sa abelwa sejana go bo se dikile se dirile sentle mo dithutong tsa lekwalo la bosupa.

Ka jalo sekole seo se rotloeditswe go arogana le dikole tse dingwe botsipa gore ba kgonne jang go leka go tokafatsa maduo mo kgaolong.

Mogokgo wa sekole seo, Mme Phetolo Gopolang o boletse fa tokatsatso maduo e tsile ka methale e le mmalwa e ba e dirisitseng go kabakanya ka fa ba rutang ka teng go fitlhelela maduo a nna botoka.

A re sekole sa Sikwane le barutabana ba dira ka natla go kopanela thuto le batsadi.

Motshwarelela mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Lesego Masitara o ne a iteela legofi thotloetso ya mopalamente, a tlatsa ka go re seabe sa gagwe se tlaa dira pharologanyo ka jaana se tsisa phadisanyo e e nang le mosola. O ne a leboga ba-na-le seabe botlhe ba ba tsenyang letsogo mo thutong go tokafatsa boleng jwa thuto.

Mme Masitara a re o solofela fa sejana seo se tlaa rotloetsa dikole mo kgaolong ka bophara go itsolopanya go dira botoka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : Kabo Dietsele

Date : 09 Dec 2021