Breaking News

Tiro ya diatla e tshetsa monana wa Serowe

09 Dec 2021

Go tswa bogologolong fa Botswana a simolola go aga dikole go tswa mo go tsa bogwera le bojale, bana ba ne ba rutwa ditiro tsa itshetso ka mekgatlho e e farologanyeng. 

Mengwe ya mekgatlho e ke wa Masupatsela, bakaedi, 4B le Sefapaano se Sehibidu.

 E re ka thuto ya nako eo e ne e tiile, maduo a yone a tswelela a bonala mo go ba ba tseneng mekgatlho eo le fa ba ka tswa ba sa ya gope kgakala le thuto.

Mongwe wa ba ba amuleng thuto eo e bile e mo tshetsa ke Mme Tumani Moremi wa kgotla ya Makolojwane kwa Serowe yo o dirisang botswerere jo a bo amuleng kwa 4B go dira ditiro tse di farologanyeng ka diatla di akaretsa go loga, go dira dithunya le go di baakanyetsa sentle, go tshwantsha, ga mmogo le go bopa didirisiwa tse di kgabisang ka go farologana.

Mo potsolotsong le BOPA Mme Moremi o boletse fa se e le neo e a saleng a e itemogela a sale monnye, mme ya tokafala fa a ne a le leloko la mokgatlho wa 4B a sa le kwa sekoleng se sebotlana.

 Le fa a ne a le monnye, monana yo o ne a supa neo ya gagwe ka go dira dilo tse dintlenyane, mme e bile a di dira ka bofefo go na le maloko a mangwe a 4B.

E ne e nna ene yo o gaisiteng ka a ne a dira dilo tse dintle mo barutabana ba neng ba di dirisa ka nako ya dikgaisanyo.

Mme yo, yo o dingwaga di masome mararo le bongwe, a re le gompieno o nna a tsaya dietsele mo dikgaisanyong.

Mme Moremi o supile fa a kile a tsenelela dikgaisanyo tsa ditshupo di le mmalwa mme a tlhalosa fa a seke a tlhoka go tswa ka seetsele.

A re o na le lorato mo tirong ya diatla ka e le yone e mo jesang.

Ka jone bonatla jo, o ne a bona go le matshwanedi gore a rute ba bangwe tiro ya diatla, go tsweledisa letlotlo le la thuto.

 A re dinako tse dingwe o a tle a thuse bana ba dikole tse di mo Serowe ka ditiro tsa bone tsa sekole. A re o a tle a rute le barutabana ba dikole tsa bananyana.

 O ne a tlhalosa gore le bana ba gagwe ba setse e le bommantswitswidi mo tirong ya diatla ka a ba rutile.

O ne a bolela fa a dirile dilwana di le dintsi di akaretsa dithunya tsa masire tse di kgabisang kwa manyalong le tse dingwe tse di dirisiwang kwa dintshong.  

Dingwe tsa tse a di dirang ke dibaga tsa bomme tse a reng o di dira ka dithapo tsa ditlhare di tshwana le sa mokhure, a bo a dira le dibeke tsa makgarebe tse a tlhalosang fa di rekwa bobe.

 Tse dingwe tse a di dirang ke diphologo ka mefuta tse a di bopang ka pampiri, a bo a boa a bopa le difalana tse a di dirang ka boloko jwa dikgomo le molora wa leiso.

Mme Moremi a re tse tsotlhe o di dira ka megopolo e a e itlhamelang mme fa gongwe o rotloediwa ke se a se bonang mo tikologong.

Mme Moremi o tlhalositse fa a tle a kopane le dikgwetlho mo tirong ya gagwe mme a re e e nnileng bokete thata ke ya bolwetse jwa COVID-19 ka e kgoreleditse ditshupo tse a di dirisang go bona bareki.

A re nako ya kiletso mesepele, o ne a sa bone bareki ka go sena yo o tlang kwa lapeng la gagwe go tla go reka.

A re e re ka bolwetse jo bo amile itsholelo, bontsi jwa batho ga ba sa tlhole ba na le madi jaaka pele, mme a re o itumelela bonnyennyane jo a bo bonang mo go ba ba rekang.

Kgwetlho e nngwe e Mme Moremi a lelang ka yone ke ya lefelo le a direlang mo go lone.

A re mo nakong ya gompieno o direla kwa lapeng, selo se a reng ga se mo thuse.

A re go ne go ka nna botoka fa a ne a na le madirelo ka a ne a tlaa mo letlelela go bereka ka phuthologo.

O gakolotse banana gore ba seka ba nna boitseme kana ba iteba matsogo a re ba ikemele ka dinao go itirela botshelo.

 A re go dira ka diatla ke nngwe ya ditiro tse di monate ka jaana go sa tlhokafale madi ape a mantsi go simolola, ka motho a ka dirisa sepe fela se a se selang mo tikologong.

Mme Moremi a re sengwe se se dirang gore banana ba nne maoto a tshupa mo tirong ya diatla ke go tlhajwa ke ditlhong go sela matlakala a ba a dirisang mo dintlenyaneng tse, mme fela a re se se tlaa ba baya ka fa mosing. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tefo Rantaung

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 09 Dec 2021