Ba rotloediwa go bopagana
07 Dec 2021
Moatlhodi mogolo wa dikgaisanyo tsa botaki le bodiragatsi, Rre Samuel Tlhaodi o kgothaditse badiragatsi le ba ba dirang ditiro tsa diatla go ipopa go tlhama mokgatlho o o tla ba emelang gore ba nne le lentswe le le lengwe.
O buile jaana mo ditshupong potlana tse di neng di tshwerwe bosheng kwa Serowe tse di neng di rulagantswe ke ba khansele-potlana ya Serowe.
Rre Tlhaodi a re o itemogetse gore ntswa Batswana ba na le botyswerere jo bontsi, go santse go retela go itshetsa ka jone.
Rre Tlhaodi a re selo se, se bakwa ke gore mogwebi mongwe le mongwe o batla go dira a le nosi, a tlhalosa fa se se sa ba berekele ka ba sa kgone go bona dithuso tse ba ka thusiwang ka tsone di tshwana le tse di kwa makalaneng a a thusang ka madi jaaka la CEDA.
A re gantsi go nna thata gore mogwebi a bone thuso fa a tla a le nosi go na le fa ba le setlhopha.
O ne a rotloetsa bagwebi go thama mokgatlho wa badiri ka diatla o o tlaa bong o itebagantse le go tlhabolola dilwana tsa bone ga mmogo le go di bapatsa.
A re botlhokwa jwa mokgatlho oo e tlaa bo e le go netefatsa gore go nna le tsamaiso e e lolameng ya dikgwebo le thekiso ya dilwana.
Mogolwane go tswa kwa bankeng ya Standard Chartered mo Serowe, Mme Kgalalelo Edwin, o ne a akgola ba-tsaya karolo mo ditshupong tseo, a tlhalosa fa se se tlaa ba thusa go godisa dikgwebo.
A re badiri ka diatla ba lesego go bo ba na le kwa ba ka bonang dithuso tsa madi teng ka jaana dibanka di tshwana le Standard Chartered le First National Bank di phutholotse letsogo e bile di ka ba tswela mosola mo go tlhabololeng dikgwebo tsa bone.
Mme Edwin o ne a rotloetsa bagwebi go arogana botsipa le kitso e ba nang le yone le bana ba bone go netefatsa gore thuto e ga e fele e bile ba tshegetsa ngwao.
A re se sengwe se se botlhokwa ke go tsaya malebela mo bagwebing ba bangwe le go abelana botsipa jo ba nang le jone.
Mo ditshupong tse go ne ga nna le bafenyi ba ba neng ba fiwa ditlankana le madi ke ba khansele- potlana ya Serowe e le go ba akgola.
Mofenyi wa ntlha o ne a fiwa P500, wa bobedi a fiwa P400 fa wa boraro a ne a fiwa P300.
Badiri ba diatla ba ne ba dirile tse di farologaneng di tshwana le go betla, go loga tse di kgabisang, dibaga, ditilo, go roka diaparo tsa mateitshi le gone go dira dithunya tse di kgabisang mo teng ga matlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tefo Rantaung
Location : SEROWE
Event : ditshupo potlana
Date : 07 Dec 2021