Breaking News

Babelaelwa ba letela Tsheko kwa ntle

07 Dec 2021

Mmakaseterata wa Kanye Rre Daniel Nkau o laotse gore babelaelwa ba le bararo ba letele tsheko kwa ntle ga kgolegelo mme ba iponatse fa pele ga lekgotla kgwedi e e tlang e tlhola masome a mabedi le bosupa.

Babelaelwa bao ke Malebogo Simma wa kgotla yoora Boakgomo kwa Kanye, Kaboyaone Matopo wa moraka wa Kanowe le Otsile Mosala wa Tloung mo Kanye.

Banna bao, ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bongwe le masome a mararo le boferabongwe, ba lebisitswe molato o le mongwe wa bogodu jwa leruo, o dintlha tsa one di tlhalosang fa e ne ya re kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi, ba utswa kgomo e khunwana jo bo thokwana e tshwailwe maphaga mo ditsebeng tsotlhe kwa morakeng wa Kanowe go bapa le Gasita.

Go tlhalositswe fa kgomo eo, ya boleng jwa P4 000, e le ya ga Mme Ontlametse Nkane.

Morago ga gore ba bosekisi ba supe fa ba se kgatlhanong le gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle, Rre Nkau o ne a supa gore basekisiwa botlhe ka boraro ba tlaa tshwanelwa ke go itlama ka P1 000 mongwe le mongwe, ba bo ba batla batho ba le babedi mongwe le mongwe le bone ba itlama ka selekanyo seo.

Basekisiwa ba laetswe gape gore ba seka ba kgoreletsa ditlhotlhomiso tsa mapodisi mo kgannyeng eo.

Mo godimo ga moo, mmakaseterata o laotse gore mosekisiwa wa bobedi, yo o nnang kwa morakeng wa Kanowe, a seka a atumela moraka wa mongongoregi, mme a itshupe kwa ofising ya mapodisi ya Gasita gabedi mo bekeng fa basekisiwa ba bangwe bone ba tlaa itshupa kwa mapodising a Sejelo kwa Kanye mo malatsing a a tshwanang. Ba gakolotswe go tla kwa lekgotleng ka dinako tsotlhe tse ba tlaa tlhokwang ka tsone.

Basekisiwa ba supile fa ba na le mmueledi mo kgannyeng e, fa ba bosekisi bone ba emetswe ke Rre Thapelo Mafishane go tswa kwa Lobatse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KANYE

Event : Kgotlatshekelo

Date : 07 Dec 2021