Breaking News

Dikereke di rapela kgatlhanong le dihawa

07 Dec 2021

Dikereke mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa di ne di phuthegile kwa Kgotleng ya Tsabong bosheng go rapela kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, dikotsi tsa tsela, mogare wa HIV, iphetiso nnotagi, le mogare wa corona.

Fa a tlhalosa ka bokopano joo, mothusa moeteledipele wa lekgotla la baruti, Moruti Ronald Mosimenyane o ne a re maikaelelo a letsatsi leo, e ne e le go phutha dikereke tsotlhe tse di mo Kgalagadi Borwa, go tswa kwa Kokotsha go fitlha kwa Struizendam.

A re boleng jwa letsatsi leo ke go kopanya setshaba ka lekgotla leo e le sekhukhu sa dikereke jaanong  ba tshwanelwa ke go tshwaragana e le dikereke go lwantsha dihawa tsotlhe.

A re jaaka fa ngwaga o ya bokhutlong, go botlhokwa go rapela Modimo gore tsotlhe di apare tshiamo, ka e le ene tsela le boammaruri le seabi sa masego le matlhogonolo.

O ne a supa gore Bakeresete gape ba lopa dipula tse dinamagadi tsa medupe gore Motswana a kgone go tshela. A re fa magodimo a bulega dipula di tlaa tshologa mme melelo ya naga e e ntseng e tlhasetse kgaolo eo, e eme dimela di tlhoge gape.

Moruti Ronald o kopile dikereke go lomagana le go tlotlana, ba seka ba nyatsana ka seo se ka senya kagiso le ledula.

“A re leseng go kala dikereke tse dingwe ka sekale sa diphoha, re tlotlane,” a kgalema.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, Archbishop Kefas Mereyabone o ne a lebogela lekgotla leo go dira ka natla, a re baruti ba dira tiro e ntle. O ne a ba kopa gore ba dirise nako eo go lelela kwa modimong ka matshwenyego otlhe ba dira seo gore setshaba se gololwe.

A re lekgotla la Ministers Fraternal le dira tiro e kgolo ya go kopanya dikereke, ka jalo a kopa baeteledipele gore ba lemoge botlhokwa jwa lekgotla leo, mme ba thuse go le godisa.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa Lephata la Thuto mo kgaolong ya Kgalagadi, Mme Maipelo Kesenye a re kgokgontsho ya bong e a tshwenya ka e ama malwapa, e bo e fetela le kwa baneng ba e leng bone isago ya lefatshe.

O kopile baruti go rapela kgatlhanong le seo, mme a supa fa go le botlhokwa gore batsadi ba tlhokomele bana, ba ba rute boitshwaro go tswa kwa malwapeng, ka gore ngwana fa a sa agega go tswa kwa lwapeng go thata go ka jwala peo ya thuto mo go ene.

A re boitsholo jwa ngwana mo setshabeng bo supa gore o tswa kae ka gore, ‘kgaka kgolo ’ke na mebala, mebala e mo dikgakaneng, mme ngwana yo o tlhogo kgolo o sira rraagwe.’

Ka jalo o ne a rotloetsa batsadi go ema ka dinao go tsaya kgodiso ya ngwana ka tlhoafalo ka gore ‘ngwana lekuka o a sokelwa’ mme e bile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

Mme Kesenye a re barutabana ga ba kake ba kgona ba le nosi ka ‘moroto wa o esi ga o ele.’

O supile fa monongwaga boitsholo jwa baithuti ba kgaolo bo tokafetse fa go tshwantshanngwa le ngogola.

A re le fa go ntse jalo, go nnile le ba ba neng ba supa boitsholo jo bo sa letlelesegeng jaaka go dirisa nnotagi, motsoko, motokwane, go nna dinalanyana, dintwa le ba ba tshabileng sekole.

Mme Kesenye o bolela fa go le botlhokwa gore batsadi ba itse bana ba bone, ba tlhaloganye gore ngwana o itshwara ka tsela e e farologaneng fa a le mo sekoleng, mo lwapeng le a le mo motsing.

Ka jalo batsadi ba tshwanetse ba ema ka dinao ka keletso ke go tokafatsa maduo mo kgaolong, mme seo ga se kake sa kgonagala fa baithuti bangwe ba santse ba supa boitsholo jo e seng jone.

Moeteledipele wa lephata la ditsela, dipalamo le tshireletsego mo Tsabong, Rre Leon Nthebolang ene o tlhalositse gore go botlhokwa go ruta ka ipabalelo tseleng le go gakologelwa ba ba re tlogetseng ntateng ya dikotsi tsa tsela.

O gakolotse banni gore jaaka fa go iwa malatsing a boitapoloso ba tshwanetse ba kgweetsa ka lebelo le le kwa tlase gore ba kgone go hema dikotsi, ka lebelo e le lone le di gogang kwa pele mo dikotsing. A re mesepele e tshwanetse ya rulaganngwa ka nako, mme ope a seka a kgweetsa koloi fa a ikutlwa a na le letsapa.

Merapelo eo e ne e tsenwe ke bagolwane ba maphata a puso, mopalamante wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks le Kgosi David Toto II, yo a neng a lebogela lekgotla la baruti go phutha dikereke go tla go rapela.

Kgosi Toto a re go botlhokwa go kopana le go kopa pula le pholo kwa Modimong kgatlhanong le matlhoko a a apereng lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Bokopano jwa dikereke

Date : 07 Dec 2021