Breaking News

Kereke ya Wesele e tlhomile moruti yo mosha kwa Molopo

06 Dec 2021

Kereke ya Wesele (Methodist Church of Southern Africa) e tlhomile Bishop Motsewatile Morokane go etelela phuthego ya bone pele kwa kgaolong ya Molopo.

Bishop Morakane yo o neng a tlhongwa ka Tshipi mo Gaborone, o tlaa bo a tsaya mo go Moruti  Dr Matshedesho Molale yo o tlholegang kwa l Aferika Borwa.

Jaaka mookamedi wa kgaolo ya Molopo, Bishopo Morokane o tlaa bo a okametse metse e le mene kwa Aferika Borwa le e merataro mo Botswana.

Fa a ikanisa Bishopo yo mosha, Bishopo Purity Malinga a re Bishopo Morokane o tsena mo boruting ka nako e lefatshe le aparetsweng ke dikgwetlho tse di akaretsang COVID-19, kgokgontsho ya bong le tshenyetso setshaba gareng ga tse dingwe.

A re dikereke dingwe di bonala di rotloetsa kgokgontsho ka di tseela bahumanegi di-tsa bone go dirisiwa lefoko la Modimo.

O rotloeditse Bishop Morokane yo o tlaa bong a eteletse pele phuthego ya kgaolo ya Molopo pele gore a tlhomamise gore kgokgontsho ga e bone phatlha mo kerekeng ya bone.

A re fa Bishop Morokane a ka ikanya go nonotsha tshwaragano ya gagwe le Modimo, boeteledipele jwa gagwe e ka nna jwa maemo a ntlha ka boruti e le tlhotlheletso ya mowa yo o boitshepho.

Moruti Malinga a re boeteledipele jwa tlhwatlhwa ke go nna boikanygo, go rotloetsa kagiso le boammaaruri.

O mo rotloeditse go itse fa botshelo bo tletse dikgwetlho tse di ka felelang di mo dirisitse diphoso mo thomong ya gagwe, ka jalo a tswelele ka kgolagano e e tiileng le Modimo gore a fenye tse tsotlhe.

A re thomo ya gagwe e tona kwa Phitshane Molopo ke go ya go rotloetsa popagano le tshwaragano mo phuthegong ka se se ka ba thusa go aga phuthego e e nonofileng e bile e na le maikarabelo.

Bishop Malinga a re tse tsotlhe di ka kgonega fela fa go na le lerato le boikobo fa gare ga moruti le phuthego.

Fa a tswa la gagwe, Bishop  Morokane yo le ene a  tlholegang kwa Aferika Borwa a re o ikutlwa a le motlotlo go bo a rometswe mo Botswana go tla go etelela phuthego pele.

A re lefatshe la Botswana le la gaabo ga a na pharologanyo epe e e kalo, ka jalo se se tlaa mo direla tiro motlhofo ka go tlaa bo go sena phapang ya puo.

O solofeditse go bereka le phuthego ya kgaolo ya Molopo ka natla le ka botswapelo mme a supa fa se se ka nna bonolo fa phuthego le yone e mo fa thotloetso.

Moruti Morokane o solofesitse go tswelela ka kgolagano ya gagwe le Modimo ka e le ene a mmileditseng thomo eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 06 Dec 2021