Breaking News

Mothusa tautona o kopa tlhopho

06 Dec 2021

Banni ba Motokwe ba kopilwe go tlhopha phathi ya Botswana Democratic Party (BDP) mo ditlhophong tsa poeletso tsa bokhanselara tse di tlaa tshwarwang kgwedi eno e le lesome le boferabobedi.

Kopo e e dirilwe ke mothusa tautona e bile e le modulasetilo wa phathi eo, Rre Slumber Tsogwane mo phuthegong ya sepolotiki e e neng e tshwerwe kwa Motokwe ka Matlhatso.

Rre Tsogwane o kopile banni ba Motokwe, Khekhenye le Tsetseng e e dirang kgaolwana ya bokhanselara, go tlhopha Rre Olebogile Dikomane ka dipalo tse di ntsi go netefatsa fa ba na le moemedi wa tlhwatlhwa.

Ditlhopho tseo di tla morago ga go tlhokafala ga ga Mokhanselara Shadrack Mokgolele.

Mothusa tautona o ne a ba tlhagisa gore be seka ba nna ba re ba a lekeletsa.

Rre Tsogwane o boletse fa phathi ya bone e itlamile go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tse ba di solofeditseng Batswana.

Le fa go ntse jalo o boletse fa ba se kake ba ba solofetsa magodimo jaaka ba kganetso ba re ba tlaa amogedisa batho ma P3 000 mme lefatshe le sena madi.

Mo go la gagwe, mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa palamente e bile e le mopalamente wa Tonota, Rre Pono Moatlhodi o ne a supa fa go tlhopha kganetso e le go senya nako ka ba sena mananeo a a ka tokafatsang matshelo a Batswana.

A re le kwa palamenteng ga ba tle ka megopolo epe e e thusang.

Mopalamente wa Gaborone Legare, Rre Tumisang Healy le ene o ne a supa fa phathi ya Domkraga e itlamile go tlhabolola matshelo a Batswana.

O boletse fa batho ba kgaolo eo ba sale ba tshepile Domkraga ka ditlhopho tsa 2009 ka ba bona e le yone fela e e ka tsamaisang lefatshe.

Ntlhopheng wa kgaolo, Rre Dikomane o boletse fa a itlamile go diragatsa mananeo a puso fa a sena go tlhophiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : MOTOKWE

Event : phuthego ya sepolotiki

Date : 06 Dec 2021