Breaking News

Tona o akgoletse kereke maiteko

06 Dec 2021

Phuthego ya Bethlehem City of Christ (BCCC) e galaleleditswe go dira maiteko a go bona gore e aga ntlo ya kobamelo.

Bosheng jaana kereke e, e ne e ipelela letsatsi la thobo, le maikaelelo a lone e neng e le go kgobokanya madi go aga kereke.

“Ke lebogela maikaelelo, maitlhamo le maiteko a mantle a phuthego e e a dirang go aga kereke,” Mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape o ba kgothaditse jaana.

O ba kgothaditse go ineela mo thapelong ka e le yone e ka dirang gore ba kgone maikaelelo a bone.

Dr Kwape o ne a solofetsa go ema kereke nokeng gore kago ya yone e fele, a supa fa a tlaa kokota mo go ba dikgwebo go bona gore ba ka thusa jang, e le maiteko a go busetsa meamuso kwa setshabeng.

Fa a lekodisa phuthego ka ditirelo tsa puso, Dr Kwape, yo e bileng e le Tona wa Merero Le Tirisanyo Mmogo ya Mafatshe a Sele,   o supile fa puso e itlamile go tsisa ditlhabololo kwa go bone.

O kopile gore ba ba inele diatla metsing, ka puso e ne ya busetsa ditlhabololo dingwe morago, ka maikaelelo a go lwantsha COVID-19, go boloka matshelo a batho ka kakaretso.

Mopalamente o gakolotse phuthego go tswelela ba itshireletsa kgatlhanong le mogare, a supa fa e bile go le borai ka go tlhagile mofuta o mongwe wa Omicron, o go bonalang ole kotsi le go feta.

Dr Kwape o kopile botlhe ba ba iseng ba ikente kgatlhanong le COVID-19 go dira jalo, go sireletsa matshelo a bone.

“Re kopa gore yo o sa ikentang a tsamae a ye go ikenta,” a kopa.

“Re seka ra itebatsa gape gore re tshwaragane le bothata jo bongwe jwa segajaja sa HIV/AIDS.”

A re phuthego e tshwanetse go ema ka dinao kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, a tlatsa ka go re kwa Palamenteng kgang e ba e tshwere ka thata.

Dr Kwape o ne abkgothatsa phuthego go ya go lema monongwaga ka maikaelelo a go tsisa dijo mo motseng.

A re thulaganyo ya ISPAAD e tlaa fetolwa ngwaga o o tlang, ka maikaelelo a go dira gore e ntshe dijo tse di botoka go na le jaaka e tlhola e dira.

“Bangwe ga ba dirise lenaneo le sentle, jaanong re leka gore le betlwe botoka gore le ntshe dijo, re emise go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe,” a bua a tlatsa ka go re go emisitswe theko ya merogo kwa Aferika Borwa, go leka go kgothatsa gore mongwe le mongwe a itemele.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Thamiso Chabalala o supile fa kereke ya BCCC e dira tiro e e molemo, a tlatsa ka go re ba seka ba nyatsa maiteko a bone ka ba setse ba gatetse kgakala.

A re ka go ne go dumalanwe seelo sa go kolekela go aga, phuthego yotlhe e tshwanetse go ntsha madi gore kago e fele.

Rre Chabalala o gakolotse phuthego gore ga gona ope yo o tshwanetseng go tla go ba direla, a tlatsa ka go re ba ka kopa thuso fela fa ba e tlhokang teng.

“Le dira tiro e e molemo fela thata.

Modimo o kgatlhwa ke ditiro tse di ntseng jalo,” a akgela.

Fa a tlhalosa ka maikaelelo a letsatsi, mookamedi wa kereke, Mme Silvia Releseng, o supile fa phuthego e ntse e le mo thulaganyong ya go feleletsa kago ya kereke, a supa fa jaanong go setse go rulela le tse dingwe tse dipotlana.

A re mo maikaelelong a bone a go rulela ba setse ba kgobokantse P13 000, ntswa go tlhokafala P73 000.  

“Dikereke tsa rona ke mekgatlho e e sa direng madi ka jalo ga gona kwa re bonang matlole teng.

Madi a re a dirang ke ka ntlha ya dikoleke tsa phuthego,” Mme Releseng a supa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : Phuthego

Date : 06 Dec 2021