Borre ba gakololwa go ikgapha
05 Dec 2021
Borre ba gakolotswe go ikgapha mo go direng ditiro tse di ba kayang e le bakgokgontshi.
Motshwarelela molaodi wa Palapye, Rre Ontiretse Tidimalo o gakolotse jaana kwa moletlong wa letsatsi la borre kwa Palapye ka Labotlhano.
Rre Tidimalo a re dipalo di supa fa kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana e ile magoletsa.
A re dipalo gape di supa fa dipolaano tsa baratani di ile kwa godimo mme di dirwa ke borre.
Tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo le dipetelelo ka kakaretso le tsone a re di ile magoletsa, a tlatsa ka go re COVID-19 le yone e nnile le seabe mo go goleng ga kgokgontsho.
Rre Tidimalo a re borre le bone ba a kgokgontshiwa mme ga ba bege dikgang.
E rile a ntsha la gagwe, mogokaganyi wa mananeo a HIV/AIDS wa kgaolo ya Palapye, Rre Thuso Ernest o ne a supa fa a tshwenngwa ke go bona dipalo tsa borre, di le kwa tlase ntswa letsatsi e le la bone.
Rre Ernest a re kgang ya kgokgontsho e tshwanetse go emelwa ka dinao ya rutwa batho le ditlamorago tsa yone.
A re COVID-19 e supile gore banyalani le baratani ga ba itsane ka ntlha ya gore ga ba nne nako e ntsi mmogo, a supa fa kgokgontsho e gakadiwa ke go bo seemo se ne se pateletsa batho go nna nako e ntsi mmogo .
Rre Enerst a re dikgang tsa borre di batla ba le nosi, a tlhalosa gore go na le Mens Clinic kwa kokelwaneng ya Palapye, e e thusang borre go phuthuloga mo dikgannyeng tsa bone tsa botsogo.
A re puisanyo e botlhokwa mo leratong e bile e aga lelwapa gape e hema dintwa tse di bakwang ke kgokgontsho.
Mokhanselara wa Serorome Bophirima, Rre Thabo Seomile ene a re borre ba kgonwa ke go latelwa kwa ba leng bantsi teng.
Rre Seomile a re bomme le bone, ba ikgaphe mo bakgokgontshing ka gore dikai tsa kgokgontsho di a itshupa.
A re bomme ba seka ba buisa borre mafoko a a kgopisang ka seo se dira gore ba tenege ba akanya gore ba a nyadiwa.
O supile fa borre le bone ba kgokgontshiwa ka e a tle ere rre a sa bereke, a bidiwe ka maina.
Mogolwane wa Lephata la bong wa kgaolo ya Palapye, Mme Malebogo Abesai a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go ipelafatsa ka borre e seng go ba kgala.
Mme Abesai a re nako eo e ne e le ya go aga botsalano fa gare ga borre le bomme.
A re letsatsi leo gape le diretswe go godisa tekatekanyo ya bong le go tlosa kgethololo ya borre.
A re maikaelelo ke go itebaganya le botsogo jwa borre le bana ba basimane jwa tlhaloganyo le mmele gammogo le go lemoga seabe sa bone mo setshabeng, ga mmogo le tiro e ntle e ba e dirang mo go tlhokomeleng malwapa a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : moletlo wa letsatsi la borre
Date : 05 Dec 2021