Breaking News

Kgosi Ketlogetswe o itumelela boitshwaro jwa banni

05 Dec 2021

Kgosi ya Pole kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Clinic Ketlogetswe o akgotse banni ba motse wa gagwe ka boitshwaro jo bo nametsang go ipabalela mo segajajeng sa COVID-19.

A re ntswa bangwe ba dira se se kgatlhanong le ditaelo tsa ba botsogo, o itumedidiwa ke banni ba motse wa gagwe ka ba dira tsotlhe go itsa kanamo ya mogare.  

Kgosi Ketlogetswe o supile se mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo, bosheng, a re o lemogile fa mo bogompienong banni ba supa fa ba sekegela tsebe ditaelo tsa ba botsogo.

Ka jalo o ne a ba kopa go tswelela ba tshwere fela jalo, a tlatsa ka go gakolola batsadi go lemotsha bana ba ba direlang kwa mafelong a a farologaneng botlhokwa jwa go obamela melawana eo le go ba kgalemela mabapi le ditiragalo tse di sa itsagaleng, tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.

Kgosi Ketlogetswe o ne a re ka jaana go lebilwe kwa malatsing a boitapoloso a botsalo jwa Morena le go ipelela ngwaga o mosha, batho ba leke ka bojotlhe go fokotsa mesepele e e sa tlhokafaleng, ka seo se ka fokotsa go anama ga COVID-19.

Kgosi o ne a supa boitumelo jwa go bo tsela ya Tshesebe-Masunga, e ba tswang kgakala ba lela ka yone e simolotse go dirwa, ka moo a gwetlha banni go dirisana sentle le badiri ba tsela eo.

Mo go tse dingwe Kgosi Ketlogetswe o kopile banni ba Pole go tlhokomela bana mo pakeng eno ya dipula, go itsa matlhotlhapelo a a tleng a bakwe ke go elela ga metsi, a kgala batsadi ba ba lesang bana ba ya go tshwara ditlhapi kwa matamong.

O supile fa seo se le borai mo matshelong a bana, a tlatsa ka go re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa go tshwara ditlhapi go na le ba ba go rutetsweng.

A re batho, bogolo jang bakgweetsi ga ba a tshwanela gore e re ba fitlhela dinoka di ela ba bo ba itepatepanya le bokete jwa metsi, ba leka go kgabaganya.

Kgosi Ketlogetswe o ne a kopa morafe go tshwaragana, go bona gore ditlhabololo tsa motse di a tswelela.

O ne a ba rotloetsa go sola molemo pula e e sa tswang go phaila ka go lema mme ba bo ba tswelela ba tlhokomela masimo a bone jaaka gale.

E ne e rile go le pele molemisi wa kgaolwana ya Kalakamati, Rre Nelson Dube a itsese banni ba Pole fa lenaneo la temo la ISPAAD le tlaa bo le ya bokhutlong mo pakeng eno ya temo, mme go tlhongwe lenaneo le lengwe le lesha le ba tlaa tlhatlhelelwang ka lone mo tsamaong ya nako.

A re mo bogompienong ga go sepe se se fetogileng mo thulaganyong ya temo, a tlhagisa banni gore bs seka ba jewa ntsoma fa ba reka dipeo ka dikarata tse ba di neelwang ke ba lephata la Temo-thuo.

Rre Dube a re ba nne podi matseba fa ba reka dipeo ka dikarata tseo, ba tlhomamise motlhala wa kwa di dirilweng teng le gore ba filwe palo e e kwadilweng mo go tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : POLE

Event : phutego ya kgotla

Date : 05 Dec 2021