Breaking News

Batsadi ba rotloediwa go godisa bana sentle

05 Dec 2021

Banni ba Xana kwa kgaolong ya Nhabe ba rotloeditswe go godisa le go sireletsa bana ka dinako tsotlhe ka seo se ka ba betlela isago e e eletsegang.  

Thotloetso eo e dirilwe ke mogolwane go tswa kwa lephateng la Gender Affairs mo Maun, Mme Gaobope Modimoosi ka go lemotshegile fa kgaolo ya Chanoga e e okametseng le motse wa Xana e gatisitse dikgang tsa boimana jwa bana ba dikole di le mmalwa.

Mme Modimoosi o ne a lekodisa phutego ya kgotla ka dikgang tse di amang ofisi ya gagwe.

A re se se ngomolang pelo ke gore boimana joo bo ama bana ba dingwaga di kwa tlase ga lesome le boferabobedi,  selo se a reng se a tshwenya e bile se tlhoka go tsibogelwa.

A re batsadi ba tshwanetse ba kgala go tsena mo maratong ga bana ba sa le babotlana ka ba felela ba tlogele sekole ka ntlha ya boimana.

Mme Modimoosi o boletse fa batsadi bangwe ba na le go bipa mpa ka mabele fa ngwana a kgokgontshitswe kana a imisitswe, a tlatsa ka go re tsamaiso ke gore be begele ba ba maleba gore kgato e tsewe.

O boletse fa nako ya go bitsa bokopano jwa ba lelwapa go bipa dikgang tseo, e tlhodilwe ke dipeba ka jaana puso e gagamaditse setoropo go lwantsha kgokgontsho.

Mme Modimoosi a re go tlhoka go bega dikgang tseo ke molato mme a rotloetsa banni go dira se se tshwanetseng, a tlatsa ka go re ke yone fela tsela ya go fenya ntwa kgatlhanong le kgokgontsho.

O ba kopile go supa gore ka boammaaruri ba tshwara thipa ka fa bogaleng. A re ba tshwanetse go di goga kwa pele mo go sireletseng bana ka jaana e le bone baeteledipele ba kamoso.

Fa a tsibogela pego eo, Kgosi Sarah Molefi wa Xana o ne a lebogela tekodisa ya ba Gender Affairs, a gwetlha banni go tshwaragana le puso go lwantsha dikgang tsa botlhokatsebe jwa banana le go ema kgatlhanong le kgokgontsho.

A re kgokgontsho e apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba ka jaana e ama thata bomme le bana mme a kopa morafe go tsaya boikarabelo go e emisa.

Kgosi a re tharabololo e ka kgonagala fela fa banni ba tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana, go kgalema le go bega sepe se se ka tswang se amana le kgokgontsho ya bong.

O kopile banni go tsaya dikgang tseo ka tlhoafalo le go di amogana le ba ba seyong, a re o dumela fa ba ka fenya dikgang tse di ba tshwenyang fa ba dira ba le seoposengwe mo motseng.

Ba mokgatlho wa Mosadi Itsose kwa Xana ba ne ba abela bangwe ba ba tlhokileng lesego dijo tsa keresemose.

Fa a tlhalosa ka mokgatlho oo, Mme Ikanyeng Tsheko o boletse fa mokgatlho oo o tlhamilwe ke bomme ba le masome a mabedi ba ba sa berekeng e le tsela nngwe ya go itlhabolola mo botshelong.

A re mokgatlho o bereka fela jaaka motshelo ka jaana kgwedi le kgwedi ba ntsha P200 a tlatsa ka go re fa ba tshela jalo ba ntsha gape le P20 yo o lebanyeng ditiro tsa bopelotlhomogi mme ba thulanye ditlhogo go bona gore ba ka thusa bafe.

Mme Tsheko o kopile bomme ba ba nang le kgatlhego go ikwadisa mo mokgatlhong gore matshelo a bone a tokafale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : XANA

Event : phuthego ya kgotla

Date : 05 Dec 2021