Breaking News

Banni ba kopiwa go tsaya maikarabelo go hema borukutlhi

04 Dec 2021

Banni ba Tobela mo kgaolong ya Shoshong ba kopilwe go tsaya maikarabelo go lwantsha borukutlhi le kgokgontsho ya bong.

Seo se builwe ke dibui ka go farologana ka Labotlhano kwa thuto-puisanong e e neng e tshwerwe ke mapodisi kwa motseng oo.

Mogolwane wa sepodisi sa NO. 16 District, Rre Reuben Mphoeng o kopile banni go lemoga botlhokwa jwa go tsaya maikarabelo a go lwantsha borukutlhi le kgokgontsho.

A re mongwe le mongwe o tshwanetse  go nna le seabe mo go lwantsheng borukutlhi, a tlatsa ka go re tiro ya twantsho-borukutlhi ga se ya mpodisi fela.

Rre Mphoeng o supile gore fa batho ba ne ba tsaya maikarabelo, borukutlhi bongwe bo ka bo bo sa diragale.

O ngongoregetse gore baagisanyi ga ba sa tlhole ba laelana fa ba ya golo gongwe, a supa fa seo se baka gore dirukutlhi di senyetse yo o tlaa bong a seyo ka gore baagisanyi ba tlaa bo sa itse gore a motho yo o tseneng ke mong wa  llowapa kana jang.

A re bana ba dikole tse dikgolwane ba tsamaya ka didirisiwa tse di borai tse ba di dirisang go lwantsha ba  bangwe kwa sekoleng, a tlatsa ka go re ba dirisa le diritibatsi mme a kopa batsadi go kgalema.

O kopile banni ba Tobela go emela motse wa bone ka dinao go tsisa kagiso mo go one, a tlatsa ka go re ga go na ope yo o ka tswang kwa ntle go ba tsisetsa kagiso fa e se bone ba tshwaragana go bopa motse.

Rre Mphoeng o kgadile kgokgontsho ya bong e go bonalang e gola ka dipalo tse di kwa godimo mo lefatsheng leno.

O kopile borre go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bong, a supa gore bomme ba gatetse pele ka jaana ba na le mekgatlho e e thusang ba ba kgokgontshitsweng.

Moemedi go tswa kwa lephateng la tsa bong kwa Mahalapye, Mme Keikantseone Gaowelwe o kopile botlhe go tsaya maikarabelo go lwantsha kgokgontsho.

A re fa batsadi ba na le dikgang, bogolo jang tsa go tlhoka kutlwisisanyo, ba seka ba di buela fa pele ga bana, a tlatsa ka go re bana fa ba gola ba tshela ka fa ba godisitsweng ka teng.

O ne a kgala gore batsadi bangwe ba roma bana majalwa, a supa fa seo e le kgokgontsho.

Mme Gaowelwe o supile gore fa o bona mongwe a kgokgontshiwa o bo o sa tsaye kgato o nna mo-tsaya karolo mo kgokgontshong e e diragalang.

Mme Sinah Galeboe yo e leng mogolwane kwa kokelwaneng ya Shoshong  o kopile batsadi go bua le bana ka bodiphatsa jwa go ima ba santse ba le babotlana, a tlatsa ka gor e ba ise bana kwa dikokelwaneng go rutuntshiwa ka tsa thibelo boimana.

Mme Galeboe o kopile banni ba motse go ya go tsaya mokento wa COVID-19, a tlatsa ka go ba rotloetsa go tswelela ba ipabaletse ka jaana go sa tswa go tlhagoga mohuta o mosha.

Fa a ntsha dipalo, mogolwane wa sepodisi kwa Shoshong, Rre George Mabuta o supile gore ba gatisitse dipalo tsa tiriso botlhaswa ya bana di le masome a mabedi mo ngwageng o o fetileng, fa mono ngwaga ba setse ba gatisitse di le lesome le boraro ntswa ngwaga o ise o fele.

O ne a supa gore mo go tsa go itseela dikobo ka dikgoka, ba gatisitse dikgang di le lesome le borobabongwe mo ngwageng o o fetileng, mme mono ngwaga ba gatisitse dikgang di le masome a mabedi le bongwe.

O supile fa seo se tshwenya, bogolo jang ka jaana dipalo tseo di golela pele.

Rre Tebogo Monare go tswa kwa sepodising sa Mahalapye a re tumelo ya batho ke gore bomme ke bone ba ba kgokgontshiwang fela, mme borre le bone ba kgokgontshiwa.

A re borre ba tshela ka kutlobothoko ka ntlha ya mafoko a kgokgontsho a ba a buisiwang ke bomme, mme ba felele ba ipusolosetsa ka go dirisa dikgoka mo go bomme.

O ne a supa fa mo dikgannyeng tse ba di gatisang tsa borukutlhi, go amega thata banana, mme a kopa batsadi go ela tlhoka ka fa ba godisang bana ka teng.

Rre Monare o kopile batsadi go tshwaraganela bana le barutabana, a supa fa gantsi batsadi ba sa iponatse kwa sekoleng fa a bidiwa, fa e se fela fa ngwana a tla a otlhailwe, ntswa ngwana wa gagwe a sa obamela melao ya sekole.

Rre John Mosaba yo e leng lepodisi la ipabalelo tseleng kwa Shoshong o kopile banni go obamela melawana ya tsela go leka go hema dikotsi tse di diragalang di le dintsi, bogolo jang ka malatsi a boitapoloso a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha.

O kgadile batsadi ba ba neelang bana dikoloi ba sena diteseletso tsa go kgweetsa.

Rre Mosaba o ne a supa gore go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi go ka baka dikotsi, mme a kopa bakgweetsi go fokotsa tiriso ya  nnotagi fa ba tshwanetse go tsaya mosepele.

 

Moruti Tlhomamisego Gaowele wa kereke ya Holy Samaritan mo Tobela o kopile gore go nne le lorato le go tlotlana gore go fenngwe dikgang tsa kgokgontsho ya bong.

O gakolotse setshaba go ikaega ka Modimo gore go nne le kagiso mo motseng.   

Mongwe wa banana, Mme Connie Siti o supile gore bana ba kgokgontsha batsadi, mme batsadi ba bipa dikgang tse ka ba tshaba gore bana ba tla a otlhaiwa.

Fa a leboga, mongwe wa banna ba lekgotla mo Tobela, Rre Gaobonale Ramadi o supile fa dithuto tsa letsatsi leo di le mosola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Tobela

Event : Thuto Puisano

Date : 04 Dec 2021