Breaking News

Ipabalelo tseleng konokono - mapodisi

02 Dec 2021

E re jaaka malatsi a botsalo jwa Morena a atametse, mapodisi go ralala lefatshe leno lotlhe a tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa go kgweetsa sentle go hema dikotsi.

Kwa Selebi Phikwe, mookamela mapodisi, Superintendent Meshack Pulenyane o sa tswa  go gatelela gore bakgweetsi ba kgweetse ka lobelo lo lo letlelesegang gore fa koloi e ka nna le bothata ba kgone go e laola.

kopile bakgweetsi ba kgaolo ya Selebi Phikwe go kgweetsa sentle mo malatsing a botsalo jwa Morena.

Superintendent Pulenyane o ne a bua kwa moletlong wa segopotso sa ba ba amegileng le go tlhokafala mo dikotsing tsa tsela, o o neng o tshwerwe kwa Selebi Phikwe

A re o tshwenyegile ka dipalo tsa dikotsi tsa dikoloi tse di tsweletseng ka go golela pele, mme segolo bogolo di bakwa ke go kgweetsa ka bohahalele.

O tlhalositse fa dikotsi tsa tsela ka bontsi di bakwa ke go kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo, go kgweetsa motho a iphetisitse dino, le go dirisa mogala wa letheka motho a kgweetsa.

A re kgaolo ya N0.10 District e e akaretsang metse e e dikologileng Selebi Phikwe faraferwe ke dipalo tse di kwa godimo tsa dikotsi tsa tsela, a supa fa go setse go gatisitswe dikotsi tsa tsela di le makgolo a mararo, masome a mane le bongwe, go simolola ka Hirikgong go tsena ka Lwetse mono ngwaga. 

A re mo go tsone, batho ba le lesome le bobedi ba ne ba latlhegelwa ke matshelo, fa ba le masome mane le bobedi ba setse ka dikgobalo tse di masisi. 

A re se se supa fa bakgweetsi ba tsweletse ka go tlhoka go obamela matshwao a tsela.

Superintendent Pulenyane o tladitse ka go re dikotsi tsa tsela di kokonetse thata letlole la puso, ka go dirisiwa madi a mantsi go alafiwa batho ba ba gobetseng mo ditseleng. 

Fa a ntsha la gagwe, mookamela mapodisi a pharakano mo Selebi Phikwe, Assistant Superitendent Thatayaone David, o ne a sedimosetsa morafe o o neng o tsene moletlo fa go le botlhokwa go nna ba kopana go gopola ba ba lathegetsweng ke matshelo le ba ba kileng ba amega mo dikotsing tsa tsela.

 Assistant Superintendent David o supile fa lephata la gagwe le tlaa bo le le malala a laotswe mo ditseleng tsotlhe go tlhomamisa gore melao e a obamelwa le go lebisa ba ba molato dikotlhao tse di ba lebaneng.

O lebogetse ba-na-le seabe mo go lwantsheng dikotsi tsa tsela ba tshwana le ba thuso ya potlako, mapodisi le Motor Vehicle Accident Fund, go bo ba sa ipone tsapa go lwantsha mmaba, mme a kopa makgotla a a ikemetseng le morafe go tshwaragana le ba-na-le seabe ba bangwe go fokotsa dikotsi tsa tsela.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mark Thipe wa kgotla ya Ikageleng o supile fa go le maleba go nna ba akaretsa ba-na-le seabe mo dikgannyeng tsa go nna jalo gore ba thusane go di rarabolola.

Kgosi Thipe o supile fa mapodisi a na le megopolo e mentle e ba sa e tswelediseng, a re kgang ya Booze Bus e ne e ntsha maduo mme o tshwenngwa ke gore ga e sa tlhole e bonala thata mo malatsing a gompieno.

Komiti ya ipabalelo tseleng ya toropo ya Selebi Phikwe e kopane le ba lekalana la Motor Vehicle Accident Fund ba ne ba ribolola dikapetlana tse di gasang molaetsa wa ipabalelo tseleng go tsibosa badirisi ba tsela go itlhokomela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Segopotso

Date : 02 Dec 2021