Breaking News

Banana ba lebanywe ke dikgwetlho

01 Dec 2021

Banana bangwe ba kgaolo ya Lerala/Maunatlala ba ba thusitsweng ka lenaneo la Youth development fund (YDF) ba re dikgwetlho di tshwana bogodu le leroborobo la COVID -19 di amile dikgwebo tsa bone thata. 

Ba buile se fa Tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao Rre Tumiso Rakgare a lekotse dikgwebo tsa banana ba kgaolo eo bosheng. Mongwe wa banana ba Rre Motlatsi Poloko wa kgwebo ya dihutshane tsa Kalahari Reds kwa Sherwood a re kgwebo ya gagwe e amilwe ke bogodu jwa leruo le go jewa ke dibatana.

Rre Poloko yo o simolotseng kgwebo ya gagwe ka 2017 o kgonne go reka phoko le go atolosa kgwebo ya gagwe ka dinku.

 Fa monana wa kgwebo ya go roka Mme Tlamelo Mafoko wa Lerala yo o tseneng mo kgwebong ka 2020, a re kgwebo e tsweletse le fa mmaraka o le kwa tlase

Mme Mafoko yo o thapileng banana ba le babedi, a re kgwebo e lebanwe ke dikgwetlho, a re o direla mo lefelong le a le hirisitseng mme ebile  le lennye.   

Kwa Lesenepole Mme Amogelang Nkalolang yo o thusitsweng ka kgwebo ya internet café ka 2020 a re COVID 19 e amile kgwebo ya gagwe thata. Mme Nkalolang o hirile banana ba le babedi a re mmaraka o ko tlase ka jaana ba beile fela mo bathong ba motse ba ba tlang ka go rotha.

Monana wa Goo Tau Rre Merica Basinyi yo o thusitsweng ka lenaneo la YDF a dira kgwebo ya dipodi  ka 2017 a re o kgonne go reka lefatshe  le go le  teratela ka dipoelo tsa kgwebo.

Rre Basinyi a re lefatshe le a le rekileng le lennye ka jalo a re o kopa go atolosetswa, a supa fa gape a na le kgwetlho ya bogodu jwa leruo. Mme Boitshoko Abraham e ne othusitswe ka lenaneo la YDF ka 2013 ka lenaneo la dihutshane o setse a duetse sekolo sa gagwe sotlhe.

Mme Abraham a re kgwebo ena le dikgwetlho, akanya gore banana ba rutuntshiwe mo go tseneletseng. 

A re gape go batla ba nna ba kopa go buisa ba rutana ,abelana megopolo  gammogo le go tsaya malebela mo go ba bangwe baba atlegileng.

Mme Abraham re o batla go bona kgwebo ya gagwe e godile thata, mathata ke lefatshe a tlhalosa gore ba lekalana la CEDA ba batla motho a na le lefatshe le metsi. Mme Ofimile Maele wa motse wa Goo Tau wa kgwebo ya ditena o thusitswe ka lenanaeo la YDF ka 2017 a re mmaraka o boutsana.

Tona Rakgare o kgothaditse banana go ema ka dinao go bapatsa dikgwebo tsa bone gammogo le go leka tse dingwe go di godisa.  A re maikaelelo a Lephata la gagwe ke go tlhabolola banana ka jalo ba batla go ba bona ba godile e le bagwebi ba popota.

Rre Rakgare o rotloeditse banana go dirisa madi a ba thusitsweng ka one sentle le go tsaya dikgwebo tsa bone ka tlhwaafalo . A re mo nakong eno puso e ikaelela go thusa banana ka ditlhopha go hema dikgang tsa madi le tlhaelo ya lefatshe. 

Fa a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala Rre Setlhabelo Modukanele a re puso e bua kgang e le nngwe ya go ikgobokanya gore ba thusiwe go dira dikgwebo. 

Rre Modukanele o kopile bogogi jwa metse ya kgaolo ya gagwe go kgobokanya banana gore ba thusiwe go dira dikgwebo ele ditlhopha.

O kopile Tona Rakgare gore a iphe nako go tla go buisana le banana ba kgaolo ya gagwe ka tse di ba a mang.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Leeto

Date : 01 Dec 2021