Kgaswe International School e abela mokgatlho
01 Dec 2021
Kgaswe International School e abetse mokgatlho wa House of Hope diaparo, dijo le melora ka bosheng kwa Palapye.
Fa a rola dimpho, Mme Anna Botha a re ba lemogile fa House of Hope e dira tiro e tona ya go tlhokomela bana ba masiela le batlhoki.
Mme Botha o tlhalositse fa ba abela House of Hope dimpho tsa mofuta o ngwaga le ngwaga, e le go lemoga tiro e molemo e ba e dirang. A re ba lemogile gape fa House of Hope e na le letlhoko la madi mme ba ikaelela go ba ema nokeng.
O supile fa dimpho di tswa mo batsading, bana le barutabana ba sekole se se botlana sa Kgaswe e le go thusa bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Fa a amogela dimpho, mogokgo wa sekole sa bananyana sa House of Hope, Mme Tefo Samuel o lebogile Kgaswe go ba abela dimpho ngwaga le ngwaga.
Mme Samuel a re dimpho tse, di dira pharologanyo e tona mo matshelong a bana ba House of Hope ka ba na le letlhoko ebile le bone fela jaaka bana ba bangwe, ba bona dimpho le diaparo tsa letsatsi la Matsalo a Morena.
A re COVID-19 e kgoreleditse lenaneo la Kgaswe ka gore yaare ba tsisa dimpho, ba bo ba tsile le bana ba sekole, go tlhola le bana ba House of Hope ba thusa dingwe.
Mme Samuel a re ka ntlha ya tlhaelo ya madi, ba ne ba bona go tshwanela gore mo sekoleng sa bone sa bananyana, ba nne le bana ba ba duelang gore ba kgone go tsamaisa sekole. A re sekole se na le bana ba le 52 mme ba ba duelang ba duela P1 500 ka setlha.
Mokwaledi wa Mokgatlho wa House of Hope, Rre Gaaesi Morake a re sekole sa Kgaswe se supa fa se kgathala ka bana ebile ba lemoga tiro e ntle e mokgatlho o o dirang mo matshelong a bana.
Rre Morake a re bodiredi jwa Kgaswe ke batho ba ba lorato gape ba le kutlwelobotlhoko ka nako tsotlhe fa ba ba bitsa, go le botlhoko le go le monate, ba ba tswa thuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Kabo dimpho
Date : 01 Dec 2021