Breaking News

Mapodisi a batla mmelaelwa

30 Nov 2021

Mapodisi a Kanye a mo patlong ya ga Rre Percy Kadere mabapi le leso la ga mogolowe yo o fitlhetsweng a tlhokafetse kwa ntlong ya bone ya phiriso kwa kgotleng ya Mafikana ka Tshipi.

Mmelaelwa wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro yo o tlholegang kwa Zimbabwe o batliwa mabapi le leso la ga mogolowe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano. 

Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale o tlhalositse fa baagisanyi ba fitlhetse moswi mo boidiiding jwa madi a bapile le selepe, mme tlhogo ya gagwe e remilwe makgetho a le mmalwa.

A re ditlhotlhomiso tsa mapodise di supa fa moswi le monnawe ba ne ba nnile le tlhoka kutlwisisanyo ka Matlhatso mabapi le madi a ba neng ba a tlogeletswe ke rraabone, yo ka nako eo a neng a etetse kwa gagabo kwa Zimbabwe.

A re ka go tlhoka lesego, ba sepodise ne ba fitlhela mmelaelwa a seyo ka jalo ba le mo patlong ya gagwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso.

Mo kgannyeng e nngwe Rre Mogale a re ba tshegeditse rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano wa kgotla ya Mohutsiwa kwa Lotlhakane East mabapi le bogodu jwa diteratatsa tshimo jo bo diragetseng ka Labone kwa kgotleng eo. 

A re ba begetswe ka go nyelela ga dingata tsa diterata di le lesome le borataro tsa madi a a fetang dikete tsa dipula di le masome a mabedi,mme morago ga ditlhotlhomiso mmelaelwa a tshwarwa ka letsatsi la Tshipi a le mo lenyalong la gagwe. 

A re diterata tseo ga di ise di bonwe,mme mmelaelwa o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla go lebisiwa molato wa bogodu.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 30 Nov 2021