Tekatekano ya bong e fokotsa mogare
30 Nov 2021
Go tlhoka tekatekano fa gare ga bomme le borre mo matshelong a tsatsi le letsasi go na le seabe mo dipalong tse di kwa godimo tsa bomme le basetsana ba ba amilweng ke mogare wa HIV.
Masome matlhano le boferabobedi mo lekgolong a ba ba amilweng ke mogare ke bo mme. Seo se builwe ke motlhatlhelela dithuto tsa botsogo, mo lekalaneng la NAHPA, Rre Oageng Moseki.
Rre Moseki a re tlhalosa fa monongwaga letsatsi la ipelelo segopotso sa bolwetse jwa HIV/AIDS le le tlaa tshwarelwa kwa Goodhope ka fa tlase ga setlhogo se se reng Emisa tlhoka tekano, Emisa AIDS, Emisa malwetse a leroborobo.
A tlhalosa gore go tlhoka tekatekanyo ga bomme le borre go tswa bogologolong a re bontsi jwa ditiro bogolo jaaka kwa sesoleng le meepo, go ne go thapiwa bo rre fela, ka jalo bo mme ba ne ba raelwa ke bo Rre ka ba na le madi, mme ka jalo ba tsene mo kgatlelelong ba okwa ke madi.
Palo ya batho ba ba tsenweng ke mogare wa HIV/AIDS ebile ba tshela one ke 374 000.
Mo godimo ga moo, Rre Moseki a re dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse di ileng magoletsa le tsone di na le seabe go go oketseng mogare. O file sekai ka dikgang tsa petelelo a tlatsa ka gore bo mme ba a betelelwa, mme seo se dire gore dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di oketsege.
Mo go tse dingwe Rre Moseki o tlhalositse fa ngwao le yone e oketsa seemo sa mogare, a re go tswa goo lowe, rre o tsewa jaaka tlhogo ya lelwapa, a re le mo leratong e nna tlhogo, mme ka jalo go na le kgonagalo ya go gatelela bo mme bogolo jang mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Rre Moseki o tlhalositse fa go na le mefuta mengwe ya maitiso a banana e maikaelelo a one e leng go tlhakanela dikobo fela, mme ka jalo a re seo se oketsa kgonagalo ya kokotsego ya dipalo tsa mogare wa HIV.
Rre Moseki a re seemo sa batho ba ba gwebang ka mmele se ile magoletsa bogolo jang ka nako ya leroborobo la COVID-19. A re kgwebo e, e dirwa ke bomme, mme ka jalo a re ba tlhakanela dikobo ba sa itshireletsa ba lebeletse go bona madi.
Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa AIDS mo kgaolong ya Gaborone, Rre Oageng Batshani o tlhalositse fa mananeo a tshwana le go tsaya diritibatsi a dikile a amegile ka lebaka la leroborobo la COVID-19.
Rre Batshani o supile fa bangwe ba ne ba sa tsaye diritibatsi, a tlatsa a re ba ne ba seka ba kgona go kokoanya batho go ba fa dithuto jaaka ba ba tlwaeditse go ba gakolola ka segajaja sa HIV/AIDS.
O ne a re go nnile le gore bana bangwe ba tshotswe ba na le mogare wa HIV, ntswa ba ne ba etse seemo thoko gore bo mme ba ba imileng ba tseye diritibatsi go kganela gore o fetele ko leseeng.
A re selo se se tsetswe ke gore bangwe ka go felelwa ke ditiro ba ne ba boela magaeng mme palelwa ke go ikopanya le ba botsogo gore ba itshupe gore mo mo lenaneong. A re bangwe ba na le go nyelela fela, go felele go sa itsewe kwa ba nnang leng teng.
Rre Batshani o ne a kopa Batswana gore ba ipabalele ba lebeletse ditsetlana tsa ABC, tsa go diya tlhakanelo dikobo, go nna boikanyego mo mokapelong a le mongwefela, ga mmogo le go dirisa sekausu go tila go tswenwa ke mogare le go iphemela ka tsela tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 30 Nov 2021