Breaking News

Kapinga o rola ntlhopheng wa Boseja Borwa

29 Nov 2021

Banni ba kgaolo ya Boseja Borwa kwa kgaolong ya Mochudi Botlhaba ba kopilwe go busetsa Rre Gomolemo Gouwe wa Umbrella for Democratic Change (UDC) kwa khanseleng ka a na le motlhala wa bokgoni.

Se se builwe ke Mopalamente wa Okavango Rre Kenny Kapinga kwa phuthegong ya sepolotiki ya UDC kwa Mochudi ka Tshipi.

O tlhalositse fa ditiro tse Rre Gouwe a di dirileng mo kgaolong ka nako ya fa e le mokhanselara di bonala.

Rre Gouwe e ne e le mokhanselara wa Boseja Borwa ka 2014 mme erile ka 2019 a latlhegelwa a fenngwa ke Rre Letlhogonolo Kwapa wa Botswana Democratic Party (BDP).

Mopalamente Kapinga a re khansele ya Kgatleng e ne e gatetse pele ka go dira ditlhabololo a re mo bogompienong sengwe le sengwe se eme ga e sale go tlhophiwa mokhanselara wa domkraga.

O ne a tlhalosa fa mo nakong ya a le mo khanseleng, Rre Gouwe a agile ditsela, a tlhabolotse kokelwana ebile a dirile mesele e e tsamaisang metsi a pula. A re go mmusetsa gape kwa khanseleng, go tlaa mo letla gore a tsweledise fa a neng a eme teng.

Rre Kapinga o boletse fa phoso e e dirilweng mo ditlhophong tse di fetileng e tshwanetswe ya baakanngwa. O boletse fa phathi e e busang ya domkraga e palelwa ke go tlhabolola matshelo a batho, a re ke ka moo ba tlileng ka tshutiso kwa palamenteng ya go ba tlhobosa.

O tsweletse a re fa puso ya BDP e sena boammaruri jaaka ba kile ba bua fa P100 billion a utswilwe ebile gape ba dirile ditsholofetso tse gompieno di sa diragadiwang.

Rre Kapinga o ne a kopa Batswana go tshepha UDC a re diphathi tse di ikopantseng di supa fa ba goga ka bongwefela, ba tshwaragane. Mopalamente wa pele wa Mochudi Botlhaba Rre Bright Molebatsi le ene o ne a kopa batlhophi go busetsa kgaolo mo diatleng tsa ba kganetso.

Ga a ema batlhophi ka lefoko, Rre Gouwe o ne a bua fa tiro ya gagwe e se go oketsa lentswe la kganetso mme e le go tsenya khansele ya Kgatleng mo tseleng. O supile fa khansele ya Kgatleng e kile ya bo e tsaya maemo a ntlha mo ditirelong tsa setshaba mme a tshepisa ga a ya go busetsa serodumo se.

A re e sale khansele e tsewa ke domkraga, sengwe le sengwe se eme, ga gona ditlhabololo tse di diragalang. O boletse fa go sena ditsela le dikokelwana di tlhaelelwa ke ditlamelo.

Ditlhopho tsa poeletso di tla morago ga go tlhokafala ga ga Rre Letlhogonolo Kwapa ka 2020 mme di tlaa tshwarwa ka Sedimonthole a le 18. Rre Gouwe o tlaa bo a nkgisana magwafa le Rre Charles Ntshole wa BDP. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : Mochudi

Event : Phuthego

Date : 29 Nov 2021