Maphale ke moemedi wa phathi ya udc
29 Nov 2021
Rre Malaki Maphale ke ene a tla a emelang phathi ya Umbrella for Democratic Change kwa kgaolong ya Motokwe/Tsetseng, mo ditlhophong tse di tshwarang kgwedi ya Sedimonthole monongwaga.
Ditlhopho tse, di tla morago ga leso la mokhanselara wa kgaolo eo Rre Shadrack Mokgolele, yoo tlhokafetseng kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le botlhano monongwaga.
Fa a rola moemedi yoo, mopalamente wa kgaolo ya Bobirwa Rre Taolo Lucas, o ne a kopa batlhophi ba kgaolo ya Motokwe/Tsetseng go tlhopha Rre Maphale, a tlhalosa fa a tla tlisa ditlhabololo kwa dikgaolong tse di aperweng ke lehuma gore di tlhabologe.
O tlhalositse fa batho ba kgaolwana ya Motokwe/Tsetseng ba tsamaya sekgele se seleele go latela ditlamelo, seemo se areng Rre Maphale o ka thusa go se fetola.
Ene erile go le pele mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa Rre Motsamai Motsamai, a supa fa batho ba dikgaolo tsa Kweneng le ya Kgalagadi ba nosiwa metsi a a sa tlhatlhobiwang mme a dumela gore batho ba dikgaolo tseo ba tshwanetse go tlisediwa motshine oo tlhatlhobelang bolwetse jwa diphilo.
O tlhalositse fa phathi ya Domkraga e feletswe ke maano, ke ka moo a kopang gore ba tlhophe phathi ya UDC fa ba batla diphetogo. Ntlhopheng wa bokhanselara mo kgaolong ya Motokwe/Tsetseng Rre Malaki Maphale o supile fa a ka nna moemedi yoo tlhotlhwa wa kgaolo ya gagwe. O kopile batlhophi go se dire phoso e ba kileng ba e dira ka ngwaga wa 2019 mme ba mo tlhophe go ya go ba emela kwa khanseleng.
Modulasetilo phathi ya UDC wa kgaolo ya Takatokwane Rre Ngongorego Kgaleng, o ne a supa fa phathi ya UDC e na le makhanselara a le mane, mo go ba le barataro mo kgaolong, selo se se ba bayang mo tshiamelong ya go gapa kgaolo ya Motokwe/Tsetseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Ditlhopho
Date : 29 Nov 2021