Breaking News

Lebutswapele la BDP kwa Tutume le bolokilwe

29 Nov 2021

Dibui ka go farologana di supile fa lebutswapele la phathi ya Botswana Democratic Party(BDP), Rre Wonderful Makwala Moseki e ne e le motho yo o boikobo, a le senatla, a rata batho e bile a boifa modimo.

Makgolokgolo a bahutsafadi ba ne ba tsene phitlho ya ga Rre Moseki kwa Tutume ka Matlhatso.

Rre Moseki, yo eleng rraagwe sekgantshwane sa Botswana sa mabelo, Rre Isaac Makwala o tlhokafetse kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le bosupa, morago ga go lwala ka lobakanyana. O tlhokafala a le dingwaga di le masome a fera bobedi le borataro.

Ba re Rre Moseki o  ne a le bonolo, a le lerato, gape a rotloetsa mowa wa kagiso le popagano mo bathong.

Ngwana wa ga Rre Moseki, Rre Amos Makwala o tlhalositse fa ba le lesego go bo ba nnile le motsadi wa sebopego sa ga rra a bone. Rre Makwala a re rraagwe e ne e le motho yo o bonolo, yo o ratang go gakolola gape a rata batho a ba tsaya ka go lekalekana.

A re moswi o ba godiseditse fa tlase ga tumelo, ka jalo a leboga maloko a kereke ya United Congregational Church of Southern Africa(UCCSA) tlotla e ba neng ba e fa rraagwe go fitlha ka letsatsi la gagwe la bofelo.

Mo molaetseng wa gagwe, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a re Rre Moseki ke mongwe wa mabutswapele a a nnileng le seabe se setona mo go goleng ga temo thuo mo lefatsheng leno.

Dr Masisi o boletse fa go sa latlhegelwa boora Moseki ba le nosi, mme le setshaba ka kakaretso. A re Rre Moseki o diretse Botswana ka bokgabane e le leloko la motia la mokgatlho wa tsa temo thuo kwa motseng wa Tutume.

A re ‘Wonder’ jaaka a ne a itsege, o ne a tsentse letsogo thata mo tlhabololong ya motse wa Tutume, ka e bile a ne a nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse ka lobaka lo loleele.

Rre Moseki o tsholetswe kwa Tutume ka 1935, o ne a ya go direla kwa Afrika Borwa ka 1955-1988. Go boeleng ga gagwe gae, o ne a nna leloko la dikomiti tsa motse ka go farologana, gape e le mongwe wa mabutswapele a phathi ya BDP kwa kgaolong ya Nkange.

O tlogela basadi ba le babedi le bana ba le masome mararo le botlhano (35), bana ba bana ba le masome mane le botlhano (45) le dikokomane di le masome mabedi le bobedi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phitlho

Date : 29 Nov 2021