Setlhako o atolosa kgwebo
29 Nov 2021
Ntswa dikgwebo tse di potlana ka bontsi di ile tsa wa lebakeng la bolwetse jwa COVID-19, Rre Joseph Setlhako wa Botshabelo kwa Selebi Phikwe o ne a loma ka meno go netefatsa gore kgwebo ya gagwe e seka ya nna mo palong ya tse di phutlhameng.
Rre Setlhako ke mongwe wa ba ba neng ba thusitswe ka madi a lenaneo la Nyeletso Lehuma ka ngwaga wa 2014 go tsena mo kgwebong ya borotho. Kgwebo e, e ne e rotloeditswe segolo bogolo ke lerato la gagwe mo go tsa kapei. Mogwebi yo, yoo dingwaga tse di fetang masome a supa o tswa kgakala le tsa go apaya.
O berekile mo komponeng ya Seventation e e neng e simolodisa moepo wa BCL a dira e le raseapei mme moragonyana kompone e ne ya tswalwa. Ka a ne a tshwanelwa ke go tshetsa ba lelwapa la gagwe, a simolola kapei ya borotho mo lwapeng a rekisa borotho jwa mafura kana manyonyomane go nolofatsa botshelo jo bo neng bo le thata.
Go atolosa kapei ya borotho, a simolola go dira le borotho jwa mapakiwa mme ya re fa puso e tlhaba mokgosi ka lenaneo la nyeletso lehuma, a seka a salela kwa morago, a tsapoga jaaka monana ntswa a ne a setse a godile, mme a iphitlhela e nnile mongwe wa ba ba lesego go bona thuso ka lenaneo le.
Ka puso e kgathala ka Batswana ebile e eletsa go bona Batswana ba dule mo lehumeng, e ne ya mo rekela didirisiwa tsa kapei, jaaka dikotele, setofo, setsidifatsi le tse dingwe gore a kgone go simolola kgwebo.
Ka gotwe motsoga pele, Rre Setlhako o tsoga Makuku a naka tsa kgomo go duba borotho jwa gagwe, fa nako e ya go betsa bosupa mo mosong o a bo a setse a rekisa ka barotloetsi ba gagwe bontsi e le bana ba dikolo fa bangwe e le ba bereki. Kgwebo ya ga Rre Setlhako e dira sentle thata ka puso le yone e mo ema nokeng jaaka a filwe tiro ya go isa borotho kwa dikoleng tse di potlana tsa Botshabelo.
A re o lebogela kemonokeng e puso e ba fang e le Batswana ba ba mo dikgwebong tse di potlana, a tlhalosa fa go se bonolo ka di iteisana borathana le tse dikgolwane. Rre Setlhako o supile fa a lebogela puso go mo thusa le ntswa madi a ne a se ka a lekana go reka dilo tsotlhe tse di botlhokwa di tshwana mochine o o dubang borotho ka o ne o ka mo direla tiro motlhofo le go somarela nako.
Mogwebi yo, a tswelela a tlhalosa fa go le bokete go duba borotho ka diatla e bile go tsaya nako e ntsi, bogolo jang ka a apaya ka molelo. O tlhalositse fa go tlhoka setofo se se tona se se apayang go mo tsenya mo ditshenyegelong tsa go reka dikgong tse di apayang ka a sena se se rwalang.
A re mo nakong ya gompieno o thapile mme a le mongwe go mo thusa ka palo ya bana ba dikole tse tharo ele kwa godimo. Ka Motswana a re sejo sennye ga se fete molomo, botlhaga jo bo tsisitse phetogo mo botshelong jwa ga Rre Setlhako a kgonne go atolosa ntlo ya gagwe a ba a e gokela metsi le motlakase.
Go oketsa letseno la madi gore a seka a leba motswedi o le mongwefela, o ne a aga semausu mo lwapeng go futlhelela maikaelelo a go rua dikoko tsa nama.
A re mo bogompieno ga a sokole go duela metsi le motlakase a rotloetsa ba ba setseng ba thusitswe go bereka ka thata go godisa dikgwebo tsa bone le go thapa Batswana ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 29 Nov 2021